Laphata la banana le World of Companies di abetse Shakwe
01 Jun 2015
Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le itshwaragantse le World Group of Companies le abetse sekole sa Shakwe Primary School didirisiwa tsa metshameko di akaretsa dikgwele tsa dinao le tsa diatla (volleyball) di le masome a mabedi le bongwe le pompo ya dikgwele mo Shakwe bosheng.
Fa a bua mo moletlong wa go aba didirisiwa tsa metshameko bosheng, mogolwane yo o itebagantseng le tsa metshameko kwa lephateng leo kwa Mahalapye, Rre Onkabetse Lemo, o boletse fa Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le kopile didirisiwa mo bagwebing ba World Group of Companies mme ba dineelwa.
O kopile bana ba sekole gore ba dirise dikgwele tseo ka botlalo go itshidila mmele le go thabolola tshameko ya bone. O thalositse fa go itshidila mmele go ka ba tswela molemo ka go thusa mebele ya bone go lwantsha malwetsi gape go k aba thusa gore ban ne le mmele o o lekanetseng.
O boletse fa gona le batshameki ba ba itshetsang ka metshameko jaaka Joel Mogorosi mme fa bole ele ban aba sekolo b aka tsaya metshameko ka tlhwaafalo b aka helela ba tshwana le ene. Le fa go ntse jalo Rre Lemo one aba thagisa gore ba seka ba beela dithuto tsa bone ka fa thoko ba itebaganya le metshameko, a thalosa gore thuto e tla pele.
Fa a lebogela dimpho morutabana yo o itebagantseng le metshameko Mme Lethomame Losaba one a lebogela Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le World Group of Companies go bo ba abetse sekolo sa bone didirisiwa tsa metshameko, one a ba solofetsa gore ba tlaa di somarela hela thata.
Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le tshwaragane le World Group of Companies le mo letsholong la go abela dikolo tsothe tse dipotlana mo kgaolong ya Mahalapye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojekeri
Location : Shakwe
Event : Kabo dimpho
Date : 01 Jun 2015






