Breaking News

Honey Polka e dule ka tse di tsididi

01 Jun 2015

Go ne go sha logong go sala molora fa ditlhopha di le masome a mabedi le bobedi go tswa mo dikgalong tse di farologaneng di ne di iteisana borathana go ipatlela phatlha go ya kwa dikgaisanong tsa makgaolakgang mo malatsing a ga Tautona.

Ditlhopha di le masome a mabedi le bobedi di ne di thulanye mo mafelong a beke ee fetileng kgwedi ya Motsheganong e le masome a mararo mo Tsabong, mme setlhopha sa Honey Polka go tswa kwa Kanye se ne sa tla se tuka molelo mme sa supegetsa ditlhopha tsa kgalagadi borwa gore bone ba ithutile mmino wa Polka mo go tsone ebile ba a o itse ka go o bina ka botswerere go ba gaisa mme ba ikgaphela maemo a ntlha.

Ba ne ba longwa serota ke ba Kalahari Dancers go tswa kwa Struizendam, maemo a boraro a ne a gapiwa ke ba Traap Vaas go tswa Khuis mme setlhopha sa Tsabong sa sone se ne sa ikgapela maemo a bone.

Bommampudi ba ba fenyang ka go gapa maemo a ntlha ngwaga le ngwaga Gareng ga dithota go tswa kwa Khawa ba ne ba timelwa ke dipone mme ba latlhegelwa ka ga go gapa maemo a borataro.

Go le pele fa a bua mo letsatsing leo molomaganya ditiro mo lephateng la banana metshameko le ngwao mo kgalagadi Mme Malebogo Mosala o ne a tlhalosa fa lephata leo le simolotse go ikemela ka nosi ka 2009 ka maiteko a ga tautona wa lefatshe leno a go tlotlomatsa, go sireletsa, go e tlhabolola go e tshegetsa le go e diragatsa gore e seka ya nyelela mo merafeng ee farologaneng mo lefatsheng leno.

Mme Mosala o ne a supa fa Tautona Lt Gen.  Seretse Khama Ian khama a ne a tlisa pharologanyo le diphetogo mo malatsing a ga tautona gore go nne le dikgaisano tse di farologaneng tse di tlotlomatsa ngwao le go e diragatsa e le badiragatsi.

Molomaganya ditiro mo lephateng leo o kaile fa ngwao e le botlhokwa ka jalo e tshwanetse go tlotlomatswa le go tsosoloswa ka kapari, diteme, dijo le tse dingwe gore e seka ya nyeletswa ke go kopa dingwao tsa mafatshe a sele.

O ne a rotloetsa ditlhopha tsa mmino wa Polka go dirisa lenaneo leo ka tlhwaafalo le go kgatlegela dingwao tsa merafe e mengwe go di ithuta di akaretsa mmino wa setso, dikhwaere borankana le e mengwe.

A re mmino wa polka o simologile mo kgaolong ya kgalagadi borwa fela a kaya fa mo nakong ya gompieno itshupile fa o kgatlegelwa ke merafe e mengwe ka o setse o godile thata ka merafe ee farologanyeng mo dikgaolong tse di farologaneng mo lefatsheng leno di setse di bopile ditlhopha tsa mmino oo. 

Mme Mosala o ne a rotloetsa ditlhopha go dirisa tshono eo go ithuta mo go ba bangwe go neelana gore di gole go ya pele eseng go lwela fela phenyo.

Sebui sa tlotla sa letsatsi leo modulasetilo wa khansele potlana Rre Meleko Thumpe o supile fa dikagisano tsa malatsi a ga tautona di le botlhokwa ka tiisa le go epolola ditalente le go di diragatsa e le badiragatsi.

Rre Thumpe o ne a gakolola ditlhopha go dirisa dikatso tse ba di neelwang mo dikgaisanong tseo go di dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng ka e le maiteko mangwe a puso a go tlhabolola matshelo a bone.

A tlatsa ka go supa fa gape e le go fitlhelela lengwe la matshego a 2016 a tshaba ee kopaneng e bile e ikgantsha.

Mongwe wa baatlhodi fa a bua kwa letsatsing leo Rre Godfrey Jeremia o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka tsotlhe tse ba di lebelelang e le baatlhodi di akaretsa ka fa mmino oo o binwang ka teng,go tsameelana ga pina, dibini le moletsi, tiriso ya lefelo le go binelwang mo go lone, tebego ya ditlhopha le kapari.

Rre Jeremia yo ebileng gape e le morutabana mo sekoleng se se botlana sa Tshwaane go tswa Moshupa o ne a gatelela ka go gakolola ditlhopha tsa mmino wa Polka go o bina ka fa o binwang ka teng ka natla le ka matsetseleko eseng go o tshwakanya ka tse di sa tsamaelaneng le one ka ba ka felela ba o senya, a kaya fa bangwe ba o bina jaaka mmamadikwadikwane mme o sa tshwane le one gotlhelele.

O ne a tlatsa ka go kopa ditlhopha tsa mmino oo go dira dipatlisiso thata ka seo se ka thusa thata mo go tokofatseng ka fa o binwang ka teng eseng go o bina ba o bapisa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Kgaisano tsa malatsi a ga tautona

Date : 01 Jun 2015