Breaking News

Barutabana ba ruta bana ngwao

01 Jun 2015

Ngwao e tsweletse ka go gomagomediwa ke go nyelela ka bonya ka bonya, mo e bileng batho bangwe ba sa e tseeng tsia mo ba felelang ba inaakantse le dingwao tsa mafatshe a sele.

Go lemogeng fa ngwao ya Setswana e tsweletse ke go itlhokomolosiwa ke bontsi jwa batho, barutana ba sekolo se se botlana sa Notwane mo Gaborone, ba seka ba ipona tsapa ba rulaganya letsatsi la ngwao go rutuntsha bana ka ngwao ya Setswana.

Mogokgo wa sekolo seo Mme Kamogelo Samo, o tlhalositse fa ngwao ya Setswana e fetogile fela thata fa a e tshwanya le dinako tsa bogologolo,
Mme Samo are go soka soka le go adima puo go dirile gore batho ba seka ba bua dilo dingwe sentle , a fa sekai ka seane se se reng ‘Go apara kobo ka letshoba’.

A re seane se ko tshimologong go ne go twe ‘go apara kobo ka letlhono’. Mme Samo o tsweletse ka go tlhalosa gore mo dinakong tsa maloba diane di ne di tumile fela thata mo di neng di dirisiwa thata mo puong gongwe le gongwe.

O tlhalositse fa mo bogompienong dilo di fetogile ka go le gantsi mo dikolong bana ba rotloediwa thata go bua sejatlhapi se se felelang se ba paledisa go bua Setswana saga bone.

Morutabana ko sekolong sa Notwane yo e bile a lebaganeng le tsa metshameko le ngwao kwa sekolong seo Mme Dorcas Montlane, fa a tsibosa baithuti ka ngwao a re, Motswana tota o ne a bonwa ka kapari ya Setswana e seng mo bogompienong mo go ikaparelwangng diapero tsa sekgowa.

“Motswana ene e re e le Motswana e ne ere fa e le Motswana sentle re be re mmona ka letlalo la kgomo, ka tshega, le ka makgabe,” a tlhalosa. O tswele gape a tlhalosa fa metshameko le yone ene e supa fa motho e le Motswana wa sekei, metshameko e e akaretsa diketo, koi le e mengwe.

Mme Montlane a re boitshwaro ke sengwe se ngwana wa Motswana a tshwanetseng go itshupa ka sone gore ke Motswana tota, a tlhalosa fa ngwana wa mosetsana a ne a seke a phimelelwa ke letsatsi mo nageng kgotsa la mo tlhabela a le mo ntlong jaaka go diragala gompieno.

O kaile fa botho bo ka supa fo motho e le Motswana wa tlhomamo, a tlhalosa gore botho bo simolola fela ko bonaneng. O gateletse gore botho bo simolola fela fa o tlotla molekane wa gago, go yeng ko go tlotleng yo mogolwane.

Fa a ntsha la gagwe tebang le tsa ngwao Rre Ponatshego Banyatsi o kaile fa go nna motswana o tshwanetse go ikitse gore o mang le gore o tswa kae. O tlhalositse fa go tshela mo setsong sa Setswana go le mafelo a le mabedi, ko dilo tse di bolokang tsa setso di ka fitlhelwang teng e leng moraka le masimo.

A re ko masimong ke ko dijwalo di leng teng, fa ko morakeng e le ko thuo e leng teng, a kaya fa e le ko tshimologo ya kitso ya setso e leng teng. Letsatsi le le ne la natifisiwa ka mmino wa setso, metshameko ya setso e akaretsang diketo, morabaraba, koi le e mengwe.

Dipina tsa dikhwaere le tsone e ne e le dingwe tsa ditaragalo tsedi supang fa letsatsi le e le la ngwao ya Setswana. E ne yare kwa bokhutlong jwa ditiragalo gwa ikgogelwa kwa motlobong wa didirisiwa tsa setso gone mo sekolong seo go supa di tsa setso tse di akaetsang lekuka le go dirwang madila ka lone,makgabe, diphate le tse dingwe fela jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Karabo Ntane

Location : GABORONE

Event : Letsatsi la ngwao

Date : 01 Jun 2015