Banana ba rotloediwa go nna le boikarabelo
01 Jun 2015
Mogolwane go kwa sekoleng sa Boitekanelo College, Rre Thato Kgaodi, o kopile banana ba Shoshong go itse boikarabelo jwa bone mo setshabeng.
Rre Kgaodi o buile mafoko a kwa mogwantong le moletlo wa go abela batlhoki le bana ba dikhutsana ba le masome a mabedi dijo le melora ga mmogo le go kokoanya madi a go agela motlhoki ntlo ke ba komiti ya botsogo ya Sheleketla ka mafelo a beke kwa Shoshong.
O kaile fa go nna le boikarabelo e le selo se se tona fela mo matshelong a batho bogolo jang mo matshelong a banana ka ele bone isago ya lefatshe leno.
A re boikarabelo bo akaretsa dilo tse di ntsi mme e bile thata fa go itebagantswe le tsa botsogo ka bo akaretsa go ja sentle, go ikatisa ga mmogo le gone go robala sentle, motho a ana le bonno jo bo siameng.
O ne a tlhalosa fa banana ba, ba tsere tswetso ya go ema ka dinao go bona gore ba tshosolosa mowa wa go rotloetsa boikarebelo mo balekaneng wa ba bone go simola fela ka botsogo ja bone selo se se eletsegang fela ele ruri.
Rre Kgaodi a re boikarabelo jo gape bo kaya bo ja mmogo, popagano, setho le mowa wa neelano mme a supa gore motse wa Shoshong o segofetso tota gobo banana ba one ba eme ka dinao go bona gore le bone ba nna le seabe mo motseng wa bone.
A re mongwe le mongwe o nale tshwanelo ya go nna le boikarabelo fa a sale botshelong mme ka jalo banana ba Sheleketla ba tlaa nna sekao mo go ba bangwe le mo lefatsheng ka bophara.
A re ka jalo banana ba tshwanetse go rotloediwa ka fa go tshwanetseng gore ba seka ba ipona tsapa mme ba tshwelele ka maikaelelo a bone a go diragatsa dikeletso tsa bone mo setshbaeng sa bone.
O ne a gape a tlhalosa gore boikarabelo ke kgato e tona e mang le mang a tshwanetseng go e ineelela gore a tle a kgone go fetola fa a batlang go fetoga teng go tshwana le botsogo, boitshwaro le tse dingwe fela jalo.
Rre Kgaodi a re ele ba Boitekanelo College ba batla go ema nokeng banana ba ba shekeleketla gore ba kgone go diragatsa maikaelelo a bone mme bat le ba dire phetogo mo matshelong a ba bangwe.
A re ele ba Boitekanelo ba tsile go rotloetsa banana ba go fitlheleng, mm eke seo b aba fileng mpho ya madi a a kanang ka diketse tsa dipula di le tlhano go bona gore ba diragatsa maikaelelo a bone.
Fa a tswa la gagwe moemei wa komiti e ya Sheleketla Rre Oteng Lekadika o ne a tlhalosa gore e rile ngwaga ono o simologa ba ithaopa go bona gore le bone ele banana ba Shoshong ba nna le seabe mo motseng wa bone.
Rre Lekadika a re ga go motlhofo gore ele banana ba ikgobokanye mme ba ikaelele go tsamaisa dilo tsa botsogo mm eke ka seo ba boning go le mosola go tlhama komiti e ba tshwaraganetse le baoki ba kokelwana ya Sheleketla go bona gore b aka dira eng go rotloetsa botsogo mo kagolong ya bone.
A re ba itemogetse fa banana ka bontsi ba wets eke seru sa go iphitisa nnotagi le go dirisa dirisa ditagi tse di sa letlelweng ka fa molaong mme e bile bontsi ba bone bas a itse fa di se ka fa molaong.
O ne a tlhalosa gore ba ne ba ikopanya ka go ithaopa mme gape le go thusa bao b aba bonang ba wets eke lehuma go bona gore b aka ba thusa jang.
Rre Lekadika o ne atlhalosa gape gore komiti e ya bone e tsamaya e ruta batho ka dikgang tsotlhe fel atse di amang botsogo mme a re ba kgona go bidiwa fela ke bokopano bongwe go ya go ruta batho.
A re maikaelelo a bone gape ke go nna ba thusa botlhe b aba tlhokanang le thuso ya bone le gore gongwe mo befelong jwang one b abo ba agetse mongwe motlhoki ntlo mo motsheng wa bone.
Fa a ba leboga, mothusa tona wa lephata la Merero ya Ofisi ya ga Tautona le bodirela puso Rre Dikgang Makgalemele o ne akgola banana bao ba Sheleketla le bodiredi ba kokelwana eo go bob a bone go le mosola go nna le seabe mo motseng wa bone.
Rre Makgalemele a re ke maikaelelo a puso go bona gore batho botlhe ba nna le seriti, le ditlamelo tshotlhe tse b aka di tlhokang mo botshelong mme e ka se kgone ele nosi mme a lebogela mowa wa boipelego go banana bao.
A re mogopolo wa go nonotsha boitekanelo mo setshabeng ke mogopolo fela yo montle mme se se ka kgonagala fela fa batho botlhe ba tshwaragane e bile ba bopagane ka mowa o le mowe fela jaaka moono wa letsatsi leo wa Mabogo Dinku a Thebana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgathi
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 01 Jun 2015






