Banana ba tla a tsamaisa kitsong centre
01 Jun 2015
Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Tshenolo Mabeo, a re morago ga go lemoga fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e go tlhomilweng maranyane a Nteletsa II (kitsong centre) di ne di sa kgone go dirisa maranyane ao, ba ne ba bona go tshwanela go abela mafelo ao banana ba metse eo go a itirisetsa go dira dikgwebo go thusa go tlhamela banana ba bangwe ditiro.
Tona Mabeo o ne a araba banni ba mGoshwe mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo ka Labone ba ba neng ba supile fa lefelo leo le sa bereke le ditsholofetso tse ba neng ba di beilwe fa le tlhomiwa di sa diragale.
Mogolwane mwa BTCL, Rre Gabalemoge Rankgate, o boletse fa banana ba ba nnileng lesego mo go ikopeleng go tsamaisa lefelo leo ba isiwa dithutong tsa go dirisa maranyane ao mme ba solofetse gore ka kgwedi ya Phukwi lefelo leo le bo le butswe le kgona go thusa setshaba.
Rre Rankgate o ile a tlhalosetsa banni bao gore ba ka kgona go gokela megala ya ditlhaeletsano mo malwapeng a bone le diofisi tsa puso ka maranyane a teng ga a tlhoke go gokela dipale.
Se se tla morago ga gore Kgosi Buyendasi Mbenga a supe fa ba sa kgone go golagana kana go tlhaeletsanya le ba bangwe ka go sa gokelwa dipale tsa mesokelatsebeng fela fa e se go dirisa megala ya letheka ya bone le mo tirong ya puso tota.
Mo dikgang tse dingwe, batho ba motse oo ba ne ba lela ka tsela ba re e lekgarapana ebile e setse e ba kobela bodiredi. Ba re le go e gopa go a e senya ka nako ya dipula e setse e fetogile molapo, ba kopa gore puso e potlakele tsela eo ka ba tswa kgakala ba lela ka yone.
Gape ba ne ba kopa go agelwa metshelakgabo mo dinokaneng tse di mo motseng le go direlwa borogo jwa dikgomo. Fa araba matshwenyego a bone, Tona Mabeo o ne a bolela fa tsela ya Goshwe e seyo mo thulaganyong ya gore e ka dirwa.
A re seo ga se reye gore e kgaphetswe fa thoko mme a ba solofetsa gore motlhang ditsompelo tsa go e dira di ka bonalang, e tla dirwa mme e seng mo nako ya gompieno.
O ile a bolela fa metshelakgabo e ba ikopileng e tla dirwa mo nakong e e sa fediseng pelo ka ebile le ikopelo tiro ya go e dira e setse e dule. Tona Mabeo o ne gape a lekodisa batsena phuthego eo ka mananeo a maphata a gagwe, a re maikaelelo a phuthego ya gagwe e ne e le go tla go lekola setshaba go tsaya megopolo mo go sone gore ba kgone go tokafatsa ditirelo tse ba di fang batho.
A re ka megopolo le dikgakololo tsa batho, ba ka kgona go tokafatsa ka fa ba dirang dilo ka teng mme ba ntshe maduo a a tla kgotsofatsang setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : GOSHWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Jun 2015






