Breaking News

Badirelapuso ba kopiwa go sala melawana morago

01 Jun 2015

Mothusa tona wa merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, o kopile badirelapuso go sala melawana ya bodirelapuso morago le go neela setshaba ditlamelo ka nako e e tshwanetseng.

Rre Makgalemele, yo a neng a patilwe ke mokwaledi yo haphegileng wa lephata la gagwe, Rre Lesedi Keekae, o dirile kopo e mo phuthegong ye a neng a e kopanetse le badiri ba lephata la dikitsiso mo Mahalapye go lekola ka fa ba berekang ka teng gammogo le go utlwa dikgwetlho le matshwenyego a ba lebaneng nao mo tirong.

A re e le badirelapuso batshwanetse go sala morago melwana ya bodirelapuso le go tlhalosetsa setshaba ka mananeo a puso gore ba kgone go a dirisa mo go tokafatseng matshelo a bone.

Mothusa tona, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, a re le ntswa ba tlhaelelwa ke bodiredi le di dirisiwa, seo ga se a tshwanela go nna seipato sa go tlhoka go isa ditlamelo kwa bathong ka nako e tshwanetseng ka jaana mmuso o ititeile sehuba go tokafatsa matshelo a Batswana.

Rre Makgalemele o rile le ntswa badirelapuso ba tsweletse ka go ngongorega,ba tshwanetse go itumelela gore gompieno goromente o dirile melawana e letelang bodiredi go adima madi a go ikagela matlo ka lenaneo la SHHA le go simolola dikgwebo tse e kareng kgabagare ba tlogetse tiro ka bogodi ba kgona go itshetsa ka tsone.

E rile badiri ba lephata la Dikitsiso ba akgela mo phuthegong eo, ba kopa mothusa tona go sekaseka go oketsa bodiredi mo kgaolong ya legare bokone ka jaana kgaolo eo ena le mapalamente ale lesome le botlhano le mathona a puso ale lesome.

Bare le ntswa ba leka go dira tiro ya bone ka bokgabana sebe sa phiri ke go tlhaela ga bodiredi le di dirisiwa ditshwana dikoloi le digoagowe, mme ba bolela fa ba itumeletse loeto la ga mothusa tona ka jaana o kgonne go utlwa dilelo le matshwenyego a bone.

E rile mogolwane wa babegadikgang mo kgaolong potlana ya Mahalapye Leungo Rakgati a amogela mothusa tona a bolela fa kgaolo ya Mahalapye e tshwanetswe kwe gona le babegadikgang bale babedi ka jaana ena le dikgaolo tsa botlhophi dile tharo ebong Shoshong, Mahalapye Botlhaba le Bophirima.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 01 Jun 2015