Breaking News

Molao-motheo o tshwanetse go obamelwa - Dr Kedikilwe

01 Jun 2015

Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe a re molao-motheo wa Botswana o diretswe go salwa morago le go tlotlwa ke motho mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke wa lefatshe lefe.

Dr Kedikilwe o buile jalo kwa kabong ya ntlo e e neng e abelwa Rre Banabakgori Sejankabo ke ba kereke ya Spiritual kwa Sefhophe. Ntlo eo e ne e na le bolao, ditilo, kobotlo, setofo le dikobo ga mmogo le dijo.

Dr Kedikilwe o ne a tlhalosa gore molao-motheo ke one o o dirang gore motho mongwe le mongwe a bo a gololesegile go obamela Modimo wa gagwe fa a batlang gone le go dirisa teme e a e kgonang.

O tlhalosa gore kagiso e bakeresete mo Botswana ba tshelelang mo go yone ke maduo a go obamela molao. Dr Kedikilwe a re go ya ka molao-motheo, ga go a tshwanela go nna le ope yo o kgoreletsang yo mongwe fa go tla gore a fetole tumelo ya gagwe.

O bile a gakolola gore tumelo ga e a tshwanela go tsewa lolea ka lefatshe le ka felela le le mo tlhakatlhakanong.

Dr Kedikilwe a re baeteledipele ba dikereke ba lebanwe ke mathata a go ritibatsa seemo sengwe le sengwe le go thusa fa go nang le botlhoki gone ka ke bone lesedi la lefatshe.

Dr Kedikilwe a re o tshwenngwa ke gore dilo dingwe di a nyelela mo dikerekeng jaaka go bopa bana ba ba sa ntseng ba le kwa tlase ka dingwaga mo tumelong. A re kereke e tshwanetse go ruta bana go boifa Modimo, bosula le bomolemo.

O ne a kgothatsa ba Spiritual Healing go tsenya letsogo mo go tlhameleng banana ditiro, go gasa mananeo a puso a go nyeletsa lehuma le go rotloetsa bana go tsena dikole. A re o solofela gore mongwe le mongwe yo e leng leloko la komiti nngwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo go direla setshaba ka bobelokgale.

Dr Kedikilwe o kgothaditse kereke ya Spiritual go tswelela ka go thusa go babalela le go tokafatsa matshelo a batho ba ba tshelang nabo ka go supagetse jalo mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.

Kereke ya Sefhophe Spiritual Healing e ne ya abela mokaulengwe wa bone, Rre Sejankabo ntlo ya dikamore tse pedi e e lopileng P45 000.

Modulasetilo wa komiti e e neng e aga ntlo, Rre Moreri Mosane a re go ne go se motlhofo go diragatsa maitlamo a bone, mme ka thata ya Modimo ba ne ba bona dithuso mo dikhamphaning le batho ka go farologana.

Rre Mosane o tlhalositse gore basha ba Spiritual ba ne ba itlama go aga ntlwana ya boitiketso mme le bone ba felela ba kgonne.

Go ya ka Moruti Patrick Mphoeng ba dirile se ka go bona fa Rre Sejankabo a se na fa a latsang tlhogo gone, mme a ne a tsaya nako e ntsi a nna kwa masimo, mo go neng go mo kgoreletsa go dira ditiro tsa kereke.

Moruti Mphoeng a re maitlamo a bone e le ba Spiritual ke go tlhabolola morafe le motse wa Sefhophe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SEFHOPHE

Event : Kabo ya ntlo

Date : 01 Jun 2015