Breaking News

Lephata le abela sekole sa Makunda

31 May 2015

Lephata la DTEF le agile didirisiwa tsa itloso bodudu tsa sekolo sa bananyana kwa Makunda ka P14 500 le go gokela motlakase ka madi akanang ka P12 000 mo sekolong seo.

Mothusa mokwaledi wa lephata la thuto, Rre Leornad Motheto, o kopile batsadi ba Makunda go emela thuto ya bana ba santse ba le bannye gore fa batsena kwa dikolong tse dipotlana ba bo ba setse bana le kitso ya thuto.

Mothusa mokwaledi o buile mafoko ao ka letsatsi la bodiredi jwa lephata la DTEF fa ba rola semmuso sekolo sa bananyana fa ba sena go gokela motlakase le go aga go aga didirisiwa le go gokela motlakase, gape bane ba abela sekolo seo TV le DVD bosheng.

Rre Motheto a re ba lephata la DTEF bane ba tsenya ditlhabololo tseo ba itebagantse le go tlhabolola thuto ya ban aba santse ba le banye. a re Morafi wa Motse wa Makunda o tshwanetse go ipotsa gore go raya eng mo go bone.

Mothusa Mokwaledi a re bodiredi jwa lephata la DTEF badirele ditso tsa sennela ruri, mme ebile ga diketla dilebalwa ke Morafi wa Motse wa Makunda ga mmogo le lephata la thuto. okopile Morafi wa Makunda le komiti ya ditlhabololo tsa motse oo go tlhokomela thata dilo tseo gore ditle di baswele molemo.

Rre Motheto a re lephata la DTEF lene le thusa sekolo sa bananyana le itebagantse le matshego a tebelopele ya sechaba. A re kgweto engwe ke gore Morafi wa Makunda ba go tsweledisa jang ditlhabololo tseo tse di direlweng ke ba lephata la DTEF.

A re selo santlha komiti ya ditlhabololo ya motse e tshwanetse go emela ditlhabololo tse ka dinao go bona gore di mo seemong se se siameng a re dilo tseo ditlhoka tlhokomelo e ntsi.

Mothusa Mokwaledi oboleletse Morafi wa Makunda gore maekaelelo a lephata la thuto ke gore thuto e simolole kwa tlase ka ba lemogile gore thuto ga simolotse kwa dikolong tsa bananyana gonna botoka thata fa bana baya kwa dikolong tse di potlana.

Rre Motheto a re Batswana ga ba lemoge fa khumo ya Lefatshe leno ya go dirwa ke bone bananyana ka ke bone ba baya gonna baeteledipele ba kamoso fa basena go rutega. A re thuto key one tsela ya botshelo.

O kopile batsadi ba motse oo gore batlogele go baya bananyana mo malwapeng ba baise kwa sekolong gore bakgone gonna le kitso e e botoka ka thuto. One gape a kopa ba khansele go etshwaragana le sekolo seo go bona gore se tsamaya sentle.

Erile Motshwarela moeteledipele wa lephata la DTEF Rre Shinyana Kalane a ntsha la gagwe a tlhalosa fa madi ao ane atswa mo bodireding jwa lephata la gagwe le go kopa dithuso mo dikomponeng dingwe kwa Gaborone.

Rre Kalane one a lebogela dikompone tseo ka go bathusa gore bakgone go gokela motlakase wa sekolo seo le go aga didirisiwa tsa itloso bodudu a re ba DTEF bane ba e thaopa go dira tiro eo ka diatla tsa bone.

Rre kalane a re tshwragano ya bone le morafi wa Makunda ga ba kitla baelebala ebile e botlhokwa fela thata mo matshelong a ban aba bone.

Erile Kgosi ya Makunda Rre Simon Kambura amogela baeng mo kgotleng ya gagwe a supa fa ba itumetse that aka gore Motse wa gagwe one osaletse kwa morago mo thuto ya bananyana le gore batsadi le bone ga ba ise ban aba bone kwa sekolong seo sentle.

Kgosi Kambura a re gongwe bontsi jwa batsadi batsele go isa ban aba bone kwa sekolong ba okiwa ke didirisiwa tsa itloso bodudu. One gape akopa ba lephata la DTEF go tswelela ka tshwaragano ya bone ka gore mo motseng wa bone basantse bana leletlhoko le lentsi

Kgosi a re lephata leo le itebagantse le matshego a tebelopele ya sechaba le lereng shaba e e kutlwelo botlhoko ebile ele pelo tlhomoge. A re ka nnete ga baketla ba lebala ditlhabololo tseo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Kabo-dimpho

Date : 31 May 2015