Ba kopiwa go tswa ka megopolo ya go lwantsha lehuma
31 May 2015
Lephata la ofisi ya ga Tautona, le gwetlhile batho go tla ka megopolo e ba bonang e ka ba tswela mosola kwa dikgaolong tse bannang mo go tsone go tlatsa e e teng e e masome a mane le botlhano (45) e lephata le tsileng ka ypne go lwantsha lehuma mo setshabeng sa lefatshe leno.
Se se builwe ke mothusa tona wa lephata leo Rre Dikgang Makgalemela kwa Mogome le Mogware bosheng fa a tlhalosetsa morafe ka ditirelo tse lephata la gagwe di lebanyang le lone go akarediwa le yone nt;ha ya go bona gore Batswana baka inolwa jang mo lehumeng le le ba pesitseng kobo ka letshoba.
Rre Makgalemela ae “metlhala ya khumu e metsi e tlhoka balati” a tlhalose seo ka go supa fa lephata la gagwe le ntshitsi madi a mantis goitebaganya le go tlhabolola Motswana gongwe le gongwe kwa a leng teng monanan le mogolo.
Mothusa tona one are ba ipeetse seelo sa gore ditiro tsotlhe tse dikopilweng gotswa fela ka 2013 fa gosimolodisiwa lenaneo le di bo di weditswe kgwedi e e tlang ya seetebosigo e ya fifinf mono ngwaga, gore go simololwe go neela batho ditirelo tse di nang le boleng ka nako le gone go dirisa madi a a segetsweng fa thoko go thusa setshaba.
Are erentwe a tlhaloganya sentle madiadia a nnileng teng fa lenaneo le lesimologa, ga goatshwanela gore a nne sone seipato sa gore batho ba seka bathusiwa , gotshwanetse ga diirwa ka bojotlhe go gorosa ditlamelo kwa bathung eseng jaanong go ba gakaletsa manokonoko a lehuma ka go palelwa ke go ba fa tse ba dikopileng.
Ka nako.One a gatelela thata botlhokwa jago bopa dikoporase, are ke ntlha engwe e e ka thusang gore bontsi ja batho ba akole maduo a lenaneo la twantsho lehuma, ka baka ikgaoganya ka ditlhophana mme batsaya mananeo a feta bongwe bale seopo sengwe.
Rre Makgalemala one gape a buwa ka kgang tsa bana le bogole are le bone fela jaaka Motswana mongwe le mongwe bana le tshwanelo yago akola meamuso ya klefatshe leno, ka gotsena mo ditirong tsa gontsha mo lehumeng , go neelwa thutontsho e e maleba.
One gape are ba dibuse tsa Seabelo ba baletlelela go palama basa duedisiwe sepe, godirilwe thulaganyo la ba diposi gore b aba bapaletse dithoto tsa bone kwa ntle le mono gae, le gone gore puso e tserre tshwetso ya gore baatswiwe.
Mothusa tona one are gobotlhokwa gore khansle ene e itsise morafe ka madi a ditlhabololo a a abetsweng metse ya bone, gore bakgone go akanya ka se baka sedirang jaaka gona le gone goka fepa dikhutsana ka dijo le go ba fa diaparo, go neela dikole dijo, are gotheka neelano le kitsiso ka kgaoganyo ya madi a setshaba.
Ene yare pele a fetsa puo ya gagwe a kop aba Mogome le Mogware go fa mpho ya go sala baitsheka tsheka ka go tsaya kgato le goinakanya le maneno a pouso e ba a diuretseng go bathusa le go tlhma ditiro kwa mafelo a banna mo go one.
One a gwetlha banan are bone baka kgona dikopotase k aba na ditlhopha tsa kgwele ya dinao, meopelo le mmino ya Setswana. Ene yare bakgwa dikgaba banni ba supa fa balebogetse thuto eo, mme ba mosolofetsa fa batlaa tsaya kgato e e maleba go ikinola mo lehume.
Banni ba metse e mebedi eo bane bare tiego ya kgokelo ya metsi le motlakase ke tsone di bakgobang marapo go tsaya mananeo.
Fa aleboga mokhanselara wa kgaolo eo, modulasetilo wa khansle potlana ya Palapye Rre Lesedi Phuthego one are mananeo a puso a mantle mathata ke gore a tsaya lebaka godiragdiwa, mme a kopa bodiredi gosemelela le gona le madiadia a ba lemogang nakong a dirwa ke gore mananeo atlaa buiwa mme a ise a gorege kwa diofising tsa puso.
O ne a kopa mothusa tona gotla go ruta batho ba kgaolo ya gagwe ka makgotla a dikoporase le gore a ka basolegela molemo jang ka ene ana le kitso e ntsi ka dikoporase le yone kgang ya nyeletso lehuma ka botlalo. Phelelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego tsa kgotla
Date : 31 May 2015






