Breaking News

Emisang go rekisa lefatshe

31 May 2015

Mopalamente wa kgaolo ya Gaborone Bokone, Rre Haskins Nkaigwa, o kopile banni ba go emisa go rekisa lefatshe, a tlhalosa fa mo dingwageng tse di latelang ba tlaa ikotlhaela go dira jalo.

O kgalemile a sa kgwe mathe, a kaa fa seo seka feleletsa se dirile letlhoo mo mefarafheng ya mafatshe a sele. Rre Nkaigwa o tlhalositse fa Batswana ba ntse ka tsweletse ka go rekisa lefatshe le ntswa go supagala gole thata go ka le bona. O ile a tlalosa fa lefatshe ele boswa jo bo popota.

A re o dumela gore batho tshwanetse go tlhokomela lefatshe la bone, gona le go le rekisa ka seo se baka tlala mo bofelelong a bo go nna dintwa.

O supile fa go santse go sekasekiwa kabo ya lefatshe, gore kabo ya lefatshe e neele banni ba motse sebaka gona le ba merafhe e sele. O tlhalosisitse fa ba kopile puso gore kgang tsa gore banyalani ba fiwe setsha sele sengwe, ba kopile gore banyalani ba neelwe sebaka ka bongwe jwa bone go fedisa dikgotlhang ka nako yaba kgaogana gape ele tshwanelo ya bone ele batswa kwa.

O kopile baagi gore ba seka ba letlelela batho ba mafatshe a sele go gapa mafatshe a bone. Fa a tlalosa dirakabo tse banni ba neng ba mo romile tsone ko phuthegong ya palamente, e e fitileng a sufa fa a ile a bua ka kopo ya banni, ka letshwenyego la tlhaelo ya bonno jwa barutabana ka go suipiwe bosa sireletsega e bile go tlokafala thuso ya potlako gore puso e thuse.

A re tona ya thuto o supile fa itse ka seemo seo, e bile gona le thulaganyo e e tlaa dirwang mo ngwaga yo, go tokafatsa seemo. O tlalositse fa a ile a bopa tona ya thuto gape gore a ba tlaa agelwa se sekolo se segolwane, jalo karabo ya nna gore puso e dimela gore ga e patikesege go ka dira jalo ka dipalo tsa bana di santse dile ko tlase thata gore go ka dirwa dikago tseo. Jalo a kopa baagi go tswelela ka go tsenya bana aba bone mo dikolong tse di bapileng le bone. O kopile banni go nna le tsholofelo ya gore nako nngwe go tlaa nna le sekolo seo.

O tlhalositse fa a ile a tsenya potso e e neng e botsa tona wa tsa tshireletso, gore a nako ga e ise e goroge gore ko go senang mantlwana a sepodisi teng go akaretsa kgaolo ya bone, a ga go tlokafale gore go nne le dikago tsa mapodise, jalo tona o supile fa gole maleba, mme go ise go dirwe thulaganyo ya nna jalo eek a diragalang mo bosheng.

O ile a ntsha kakanyo gore ekare ba santse ba emetse ditlabololo tsa mofuta yoo ba kgaolo eka dirisa lefelo le ba le abetsweng go nna kgotla gore ba le dirilesetse ditlhabololo tsa mofuta oo, ere morago ba kopa mapodisi go ka direla ka koo ka nakwana.

Mopalamente o tlhalositse fa dipotso tse dingwe dine di akaretsa kabo ya lefatshe, a supa fa dikarabo di ile tsa ntshiwa go supa tsamaiso e e dirilweng mo kabong ya lefatshe mo kgaolong ya bone.

O tlhalositse fa a kopile palamente gore nako e tsile ya gore barutabana baba senang boroko, ba neelwe dikatso tsa go fokotsa bokete jwa dituelo, o tlalositse fa barutabana baba sa neelwang matlo a boroko ba imelwa go duela boroko, gona le baba filweng ke puso, a supa fa se ama bonatla jwa bone mo go ntsheng maduo a a nametsang mo baneng ba sekole.

O tlalositse ka seabe sa komiti tsa ditlabolo, a supa fa ile a kopa gore nako e tsile ya gore dimomiti le tsone di mme le dikatso tse di lebaneng go ba tiisa moko gore ba tsee dikgang tsa tlabololo mo dikgaolong tsa bone ka tlwaafalo.

Fa a bua ka go tlhamo ya makgotla gore, go fitile tshutiso ya go simolodisa kereke go tlhakafala gore abo gona le maloko ale lekgolo le botlhano. A gakolola banni go bona gore go ba diragatsa dikgato tsa go nna jalo fa ba eletsa go dira jalo.

O supile fa khansele e sena madi a lekaneng go ka isa ditirelo le ditlamelo ko bathing. O kopile banni go simolodisa thulaganyo ya letlole la ditlhabololo mo Gaborone bokone, a supa fa go gona le dikompone tse di eletsang go dirisanya le bone jalo letlole la go nna jalo le ka thusa tirisanyo mmogo ya go nna jalo go ka thusa kgaolo ya bone.

Tona o supile letshwenyego ka seemo sa metsi le motlakase a supa fa go tlokafala dithapelo, a tlalosa fa go tlaa tlokafala metsi mo malatsing a a latelang a ka nna mane. A kopa banni go somarela bonnye jo bo leng teng, a supa fa seemo se tshwanetse go baakanngwa ka potlako, gore se nne mo taolong.

Mopalamente o kopile batsadi go rotloetsa le go nna le seabe mo dithutong tsa bana, ka e le bone bokamoso jwa sechaba sa Botswana.

Fa batswa Mopalamente Kgaba, Rre Thompho Molatlhegi o supile fa batho bangwe ba tlamiwa ke go rekisa lefatshe ka ntlha kgatelelo e ba leng mo go yone go aga jaaka ele keletso ya Puso. O kopile gore

Puso e thuse b aba nang le lefatshe go tlabolola gona le go tsaa lefatshe. O supile fa bangwe ba le mo lehumeng, mme a kgala mogopolo wa go rekisa lefatshe ka mabaka a go nna jalo ka go sa siamela lefatshe la rona.

O supile fa a tlaa baa palamente pele mo phuthegong e e latelang, gore banyalanyi ba seka ba kgaogangwa ka mabaka a tiro, le gore Puso e leke ka bojotle go dira gore banyalani banne mo lefelong le le lengwe.

“Ke tlaa kopa Puso gore e tlotlhe banyalani, mo Botswana re godisitswe mo lelwapeng le e leng gore batsadi ba godisa bana bale babedi. Fa banyalani ba farologanngwa, se se felela se dira gore malwapa a thubege,” a tlalosa. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 31 May 2015