Banni ba lela ka maduo
31 May 2015
Banni ba Sefhophe le Tobane ba lela ka maduo a a sa itumediseng a dikolo.
Banni ba ne ba bua se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila. Go ya ka morafe, letlhoko la boroko jwa barutabana ke lone le dirang gore maduo a bana a bo a wetse kwa tlase.
Ba tsweletse ba tlhalosa gore ga gona motho o o ka ntshang maduo a sa itumela e bile a lapile ka bontsi jwa baruta bana ba theogela ba tswa kwa metseng e e mabapi jaaka Selebi Phikwe le Mmadinare.
Go ya ka modulasetilo wa komti ya ditlhabololo tsa motse wa Sefhophe Rre Doctor Rankgwathi, sekolo se se botlana sa Sefhophe se santse sena le bana ba barutelwang ka fa tlase ga setlhare ka lebaka la tlhaelo ya matlo a borutelo.
Rre Daniel Morapedi yo eleng mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tobane o tlhalositse gore badiri ba sekolo se segolwane sa Motlhasedi ba lebanwe ke mathata a matona a boroko ka sekolo seo se godisitswe go amogela bana ba ba tlaabong ba nna mo go sone.
Morafe wa Sefhophe ba ne ba tswelela ba supa gore tsela ya Selebi Phikwe Martins Drift e tsaa lobaka le le leele go baakanngwa mme e tsweletse ka go baka dikotsi . Ba ne ba tlhalosa gore bontsi jwa bagwebi ba dirisa tsela ya Martins Drift go ya go reka maungo kwa dipolaseng ka jalo e tlhoka go potlakelwa.
E ntse e le kwa diphuthegong tsa Kgotla di buisiwa ke mopalamente Rre Kefentse Mzwinila, morafe o ne wa tlhalosa gore puso e ntshitse mananeo a a farologaneng mme go na le bangwe ba direla puso ba ba gogang dinao gore ba a abele setshaba.
E rile a ba kgwa dikgaba mopalamente wa kgaolo Rre Kefentse Mzwinila a tlhalosa gore le ene o tshwentswe thata ke maduo a dikolo tsa kgaolo ya gagwe mme o ne a itlama go ntsha sekgele se se tlaabong se lwelwa kedikolo tsotlhe ka go farologana tse di mokgaolong ya gagwe.
Dimpho di tlaabo di akaretsa ya ngwana yoo gaisitseng mo dikolong tse dipotlana,tse dikgolwane le se setona sa Mmadinare. Mopalamente o ne a tswelela ka go itsise morafe fa puso e fetotse lenaneo la kadimo ya madi a CEDA a banana le le neng le itebagantse fela le banana ba ba batlang go tsena mo kgwebong ya temo-thuo,mme le tlaabo le thusa le ba dikgwebo tse di farologaneng jaaka dikgwebo tsa mekgabisa le tse dingwe.
Kwa bofelong Mme Gomolemo Moepeng o ne a nonadipelo tsa morafe wa Tobane ka mathe fa a ne a bolela fa motshelakgabo waS ojwane o tla a dirwa, mme a bakgotlhatsa go tsweledisa ditlhabololo tse dingwe tsa motes ka lenaneo la ipelegeng.
O tsweletse a re go le gantsi dikomiti dingwe tsa metse ga di dirisi madi,mo a felelang a le mantsi kwa dibankeng a re se sebaka gore badiri ba bo baka ikadima madi mme go saletelesege. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 May 2015






