Breaking News

Mmaraka le ipapatso konokono mo kgwebong

31 May 2015

Go lemosegile fa dikgwebo tse dipotlana ele mokwatla wa itsholelo ya setshaba, ke gone ka mooo ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) ba itlamileng ebile ba ikemiseditse go dira ka gotlhe go bona kgolo mo dikgwebong tse dipotlana.

Se se builwe ke mookamela lekalana la LEA mo kgaolong ya legare, Mme Kgomotso Masunga, fa a tlhalosa ka maikemisetso le maikaelelo a letsatsi la ipapatso/mmaraka la bagwebi ba  babotlana le le neng le tshwaretswe mo Palapye  morago ga go lemoga fa mathata a magolo a dikgwebo tse di potlana ele mmaraka,  are nako tse dingwe ba lemoga fa bangwebi ba sa ipapatse mo golekaneng.

O ne a bua gape ka tse ba didirang gothusa mo dikgannyeng tseo, jaaka ene yare bosheng ba thulanya ditlhogo le  bareki le barekisi b aba farologaneng ka maikaelelo a go kopanya puso le makalana a a ikemetseng ka nosi le bagwebi ba kgaolo  le go buisana ka melawana ya theko le tse batshwanetse go disolofela mo bangwebing.

Mme Masunga one are maikaelelo a letsatsi le kopananya makalana a theko le bareki,le gone go supa kgathego le thotowetso mo bangwebing ba mono gae. One a isa boikuelo mo bareking are a baseegele fa thoko bantlha bongwe goreka dithoto tsa mono gae, go godisa dikjgwebo tsa bagwebi b aba botlana.

Re ikemiseditse go bona bagwebi batlhe ba kgaolo e, ba tsene mo kgwebong ebile bana le seabe se se tona sa go tlhama ditiro le gone go klabakanya itsholelo tota, are seo ele ba LEA baka sekgona fela fa tsaya karolo botlhe b aka tsenya letsogo gotshwaraganela le bone” kgetsi ya tsie, ka wa o esi osa ele”

Mme Masunga one a tsaya sebaka go lalatse bagwebi go tla kwa diofising tsa bone gotla goithuta gole gontsi ka ditsamaiso tsa bone le goamogana maele ka tsa kgwebo, are ba buletse mongwebi mongwe le mongwe goka tla dithutuntshong tse difarologaneng, jaaka maitlamo  a bone ele go tlhoma mongwebi kwa pele.

Mo letsatsing leo bangwe ba bangwebi, Mme Batsetsi Kgamane wa moitseanape watsa botshwantshi le mealo (Architect ) a okemetse kgwebo ya alifestyle Architects PTY LTDmo Palapye  le Rre Larona Maswikile yo eleng morui wa di Brahman gotswa kwa Rocky Greek Cattle Co, Tuli Block gape ele banana bane batlhalosa ka gonna bopelotelelel le boitshoko mo kgwebong.

Mme Kgamane one a tlhalosa fa  gosimolole kgwebo ele kgwetlho , mme a leboga that aba lekalana la LEA ka go mothusa go fitlhelela ditoro tsa gagwe basa mo felele pelo ka nako tsotlhe fa a tlhokan le thuso ya bone, a supa fa bontsi ja dithutontsho tse a ditamasileng a dikgonne k ago ituelele selekano sa 15% fa LEA yone ene e montshetsa 85%.

O ile are kgwebo ke neelano e tshana le lebelo la relay ,are gobotlhokwa gore bagwebi ba lefatshe leno ba emane nokeng ka maikelelo a go tlhamela dikokomana tse ditlang ditiro go rola puso mokgweleo wa letlhoko la ditiro.

Fa Rre Mazwikila ene ane are kgwebo ya thuo ya dikgomo gae kgwebo ya banana, ka a lemoga bone ba batla madi ka bofefo le go apara disutu, are kgwe ya thuto e tlgokana le lefatshe le madi go  e simolodisa le gone godira dilo ka tolamo o se mo lebelong.

O ne a supa fa ba dibanka bana nna le lethogo la go thusa gosimolodisa dikgwebo tsa mofuta o ka basena tshepho ya gore a ele ruri dikgomo ditlaa kgona go tshela le gone gore a ke kgwebo e e ka busang madi.

Mme are gore motho a tswelele sdentle mo thuong o tlhokana le go nna le leruo la boleng jo bo kwa godimo,m ja seemo se  sekwa godimo go kgotsofatsa bareki ba gagwe are ke one maikemisetso a bone kwa Tuli Block.

O ne are mo kgwebong ya thuo ba dira ka natla  le botswerere, le gone gore o itebaganye le tiro e o ka e kgonang ka nako ele ngwe, le goreetsa se bareki ba sethokang mo gowena ka nako tsotlhe goka tlhabolola kgwebo ya thuo.

E ne erile gole pele mothusa kgosi wa Palapye Rre Michael Maforaga a supa fa motse o ole lesego fela that aka gotlisa letsatsi le letshwanang le le leyang gofa bagwebi sebaka sa goipapatsa le goitse se se tlhokwang mo kgwebong.

A re bana le keletso ya gore nako engwe dikopo tsa bone ditlaa arabiwa tsa gore Palapye e nne toropo ya boraro ya lefatshe leno, mme arotowetysa banana go innakanya le ba LEA go bathusa mo dikgwebong fela jaaka bantse ba rotowediwa go reka Botswana le gone go rotowetsa dikgwebo tsa mono gae.

Fa a leboga Mokhanselera wa kgaolo Rre Jordan Makhura one are tiro ya mofuta o e tlhoka bana le seabe botlhe mo mhameng wa dikgwebo gotla gotlhalosa ka botlalo ka tse dithokwang mo bangwebing.

Mme a supa fa a tshwengwa ke gore gona le dikgang tsa gore gorekwe mo batswaneng, are ga go diragale jalo k aba lwela dikgwebo tseo le bora dikgwebo tse e seng tsa Batswana ka pgadisano ya ditlhwatlhwa.

One are Debswana e dira gotla ka diatla go rutuntsha dikgwebo tsa Batswana, are seo se thoka gore ba se a kgolelwe. Mme one a kopa gore a ba lekalana la phadisano ba ne ba lalediwa gotla go tlhalosa ka tse ba didirang (Competitive Authority). Bontsi ja bangwebi bane batsene letsatsi le ka bontsi gotla go supa tse ba didirang, gotswa mo dikgaolong tse difarologaneng tsa kgaolo ya legare. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Tsatsi la ipapatso la bagwebi ba babotlana

Date : 31 May 2015