Borre ba rotloediwa go fetola maitsholo
31 May 2015
Mogolwane wa lekalana la tekatekano ya bong kwao lephateng la tsa pereko le selegae, Rre Desmond Lunga,o kopile borre gammogo le ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go fetola maitsholo a bone ka go emisa mokgwa wa go kgokgontsha bomme le bana mo malwapeng.
A re kgokgontsho ya go keteka bana le basadi mo malwapeng, go betelela, go tlhakanela dikobo le bana ba ba dingwaga di kwa tlase ga lesome le borataro, go tlhoka go tlhokomela malwapa, go itatola bana ga borre le go gapela bana ba basetsana matshelo ke dingwe tse di digang seriti sa borre le go inyenyafatsa mo setshabeng.
Rre Lunga o dirile kopo e gompieno mo letsatsing le le neng le rulagantswe ke ba mokgatlho wa Mahalapye Vison Support Group, o setlhogo sa lone se reng Borre ke baeteledipele ba tekatekano ya bong le bana mo malwapeng, le le neng le itebagantse le goipela ga Borre le go kopa maitshwarelo mo go bao ba ba ntseng ba ba kgokgontsha mo isagong.
O boleletse batho ba ba neng ba tsene letsatsi leo mo kgotleng ya Mahalapye gore go tlhoka therisano fagare ga Borre le Bomme gammogo le go tlhoka go neela bana lorato ke dingwe tse di rotloetsang go thubega ga malwapa, dipolaano, kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS gammogo le go latlhegelwa ke seriti ga Borre ka jaana ba sa tlhole ba tshephega mo setsahabeng.
Rre Lunga o rile gole gantsi go itatola bana ga Borre ke dingwe tse di pateletsang bana ba basetsana go senya boimana le go lathela masea mo matlwaneng a boitiketso kana mo dikanting tsa matlakala. A re ke nako ya gore banna ba Batswana ba tseye kgatlo ka go emisa go kgokgontsha basadi le bana mo malwapeng gore ere ka ngwaga wa 2016 re bo rele tshaba e lorato.
E rile Mme Felistus Motimedi go tsweng kwa lekalaneng la BONELA atswa la gagwe, a bolela fa letsatsi leo le dumelanwe ke lekgotla la mafatshefatshe go tshwarwa ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Motsheganong go abelana megopolo ka dikgwetlho tse di ka tswang di ama malwapa a bone ele banyalani.
Mme Motimedi o tlhalositse fa Borre le Bomme ba tshwanetse go itse fa bana le tshwanelo e lekanang ya bong mo malwapeng ka jaana ba tshwanelwa ke go rerisana sengwe le sengwe sa lelwapa la bone go sa kgatlhelesege gore bangwe ba bone ba katswa ba bereka kana ba sa bereke.
A re ere ka gona le batsadi ba ba ikgatholosang go tlhokomela bana ke sone se palamente e dumelaneng molao wa gore bana ba ba tsholwang ba dirise maina a batsadi ba bone mo ditlankaneng tsa matsalo.
Mme Motimedi boletse fa batsadi ba ba rontshang Borre go tlhola bana ba bone ntswa ba sa nyala bommaabone bale kgatlhanong le molao mo ba ka lefisiwang madi a tshwarang P30 thousand mo makgotleng a ditsheko.
Bangwe ba dibui mo letsatsing leo ene ele kgosi Moses Maharero, moeteledipele wa mokgatlho wa Mahalapye Vison Support Group Rre Ontametse Rampoo le Rre Phefo Phefo ba ba neng ba rotloetsa
Batswana go itlhathobela malwatse a farologaneng jaaka bolwetse jwa kgotholo e tona,bolwetse jwa sukiri, madi a matona le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS a go bolelwang a gapa matshelo a Batswana ka dipalo tse dintsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo
Date : 31 May 2015






