Breaking News

Salang molao morago - Batshu

31 May 2015

Tona wa Lephata la Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, o boleletse banni ba metse mengwe mo kgaolong potlana ya Charleshill gore go sa sale melao ya lefatshe leno morago ke molato.

Tona Bantshu o buile mafoko ao fa a ne abuisa diphuthego tsa kgotla kwa Ncojane, Kole, Makunda le Karakubis bosheng. A re gona le Batswana bangwe ba ba sa tlotleng melao ya lefatshe, mme go dira jalo ke go diga seriti sa bone.

Tona Batshu o boleletse banni fa palamente e sa tswa go fitisa molao wa go kwadisa dikereke gore fa dikereke dikwadisiwa ditshwanetse gonna le maloko ale 150. Ga di satlhole dikwadisiwa ka maloko ale lesome jaaka pele le gore dikereke ditshwanetse go isa dipego tsa bone tsa madi ngwaga le ngwaga, mme fa ele gore ga disale morago molao oo ditla phemolwa.

Tona Batshu oboleletse banni bao fa kereke ele ya maloko otlhe a kereke eseng gore ke ya moeteledipele ale nosi ga batla go tsaya madi kwa bankeng garerisane le maloko a kereke a re go dira jalo ke molato.

Tona a re sengwe sengwe se sedirwang mo kerekeng maloko a tshwanetse go itse go tila di kgotlang tse dintsi ntsi tse di diragalang mo dikerekeng. A re bontsi jwa dikereke di a thubega ntateng ya tsamaiso e e sa siamang.

Tona one a kopa banni bao gokwadisa matsalo a bana ga batsholwa le dintsho.a re go kwadisiwa ga matsalo a bana go botlhokwa ka gore puso ga e dira ditlhabololo tsa dikolo yabo elebeletse dipalo tsa bana.le gore kwadiso ya dintsho edirelwa fa batlhokafetse Puso itse palo ya bone.

Tona o boleletse banni bao gore Lephata la gagwe ke go bona gore melao ya diragadiwa ka di nako tsotlhe. Tona o tlhagisetse banni bao gore gona le bangwe ba basa diriseng dikgoro tsa melolwane a re go dira ke molato.

A re Lefatshe la Botswana lena le melolwane jaaka Kgaolo ya Ghanzi eba bapile le Lefatshe la Namibia a re ona le tumelo ya gore bangwe ga batsene ka di kgoro tse dibeelwe ka fa molaong.

Batshu okopile banni bao gore ka dinako tsotlhe batshwanetse go dirisa dikgoro tsa mololwane mme fa ele gore ba dira jalo ka gore ga bana di pasa a re dipasa fa ba katshwarwa ba tlanna mo mathateng.
Tona one a kopa banni bao go e tlwaetsa gonna le dipasa ka dinako tsotlhe go tshaba molato wa gonna jalo.

One gape a tlhagisa banni bao gore fa ba ka fitlhelwa bahirele bana ba dingwaga tse di kwatlase ga lesome le borataro baitse gore ke molato.

Erile baakgela banni ba metse ya Ncojane .Kole,Makunda bakopile Tona gore ba batla Tona wa Lephata la ditsela ka jaano bas a bolo go emela tsela Ncojane/ Charleshill go tshelwa sekonotiri.
Banni ba boleletse Tona Batshu gore batho basule ntateng ya bomaswe jwa tsela eo ka jalo bakopa Tona yo o lebaganyeng go tla go batlhalosetsa ka seemo sa tsela eo gore mathta keng fa isa tlhabololwe.

Banni bao ba boleletse Tona gore ba batla Tona ya Lephata la Temo Thuo go tla go ba tlhlosetsa ka tsamaiso ya matlhabelo a Lobatse.( BMC) Banni bangongoregile that aka Matlhabelo ao ba bolelela Tona fa Matlhabelo a Lobatse a tsaya dikgomo tsa bone ka sekoloto ka gore gonna malatsi ale masome a mabedi le bongwe oletetse goya go tsaya madi kwa bankeng ke nako etelele.

Banni bao gape bane bakopa gore kgoro ya molelwane wa Mamuno eo kediwe dinako gore e bulwe 24 hrs le gore bane bakopa Tona gore ofisi ya dipasa e bulwe mo Charleshill ba lebeletse gore Ghanzi okgakala le metse ya bone.

E rile Tona araba atlhalosa fa tla gorosa kopa ya bone kwa Maphata ale baganyeng. erile aitebaganya le tsa lephata la gagwe a tlhalosa fa batla gosekaseka pele go bona gore baka thusiwa ka tsela e entsi jang.

Tona one atlhalosetsa banni bao gore madi a bagodi a simolotse ele P100 gompieno batsaya P360.00 ka jalo Puso etsweletse ka go thusa bagodi, mme ebile ekaeletse go tlhabolola matshelo a Batswana ka karetso. Ends

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 31 May 2015