Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho
29 May 2015
Mapodisi a Central kwa Fracistown a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone borre ba ba bedi ba neng ba tlhokafala fa ba tsena kwa Sepateleng sa Nyangababwe, morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone ya modiro wa Nisssa e pitikologe.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mogolwane wa mapodisi a Central Supt Lebalang Maniki a re tiragalo eo diragetse maabane bosigo kwa lefelong la Ntshe gone kwa Francistown, a tlatsa ka gore mokgweetsi o ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi eo le mororo ya menoga ka bone.
A re batho bao ba ne ba le bane ka palo go balelwa le mokgweetsi, mme ka go tlhoka lesego, borre ba le ba bedi ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi go ya go a masome a mararo, ba ne ba latlhegelwa ke matshelo, fa ba le ba bedi, mopagami le mokgwetsi bone ba robaditsewe ka dikgobalo tse di masisi.
Rre Maniki a re tiragalo e ke ya ntlha e diragala mo ngwageng, le fa go ntse jalo o kopile bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko ga mmogo le go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe.
O tlhalositse fa mokgweetsi a direla mo Komponeg ya China e e agang tsela ya A1. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 29 May 2015






