Breaking News

Thapelo e ka thusa go lwantsha borukutlhi

28 May 2015

Maloko a dikereke tse tharo tsa semowa mo kgaolong ya borwa a ka thusa go lwantsha borukutlhi jo bo apesitseng kgaolo ya bone kobo ka letshoba bogolo jang jwa leruo.

Go buile jalo kgosi ya Molapowabojang, Kgosi Kedirile Letshabo, kwa merapelong ya go rapedisa morafe wa  Mosamowakwena fa a amogela dikereke tseo mo kgotleng ya bone bosheng. Dikereke tseo ke ya Memorial Apostolic, The Hill of God, le ya Bethesda.

Kgosi Lesthabo o boletse fa borukutlhi jo bo diragalang kwa Mosamowakwena bo batla dithapelo, a re ba lela selelo sa khuruanyo ya meno ka ntata ya borukutlhi jo bo thobaetsang banni bosigo le motshegare. O boletse fa ba kopile gore puso e age ofisi ya mapodise mo Molapowabojang gore seemo se tle se bepe.

O kopile dikereke go kopanya ditlhogo go bereka ka bongwefela ja pelo go rapedisa metse ee amelweng ke borukutlhi. O boletse fa mo baebeleng go na le melawana e e some go balelwa le ya gore o seka wa utswa, wa bolaya le go eletsa selo sa mong ka wena.

Le fa gontse mookamedi wa kereke ya Memorial Apostolic, Bishop Morekisi Keleofile o boleletse phuthego gore ba bone go le maleba go rapedisa Mosamowakwena ka borukutlhi bo ile mogoletsa go na le metse ee mabapi. A re ba tseelwa ditsabone ba lebile fela ka matlho.

Bishop Keleofile a re fa e le leruo lone ba le tsaya ko mahulong le mo sakeng tota, o boletse fa ba utswa dikgomo, dipodi, dikoko le mae a tsone, ditonki le bana tota. Ke sone ba gwetlhegileng go bitsa merapelo. A re dithapelo tsa modimo o ka thusa morafe wa ga bone. o boletse fa motlha o tla go tla go nyeletsa ba ba dirang melato.

Mogolwane wa mapodise go tswa Lobatse Assistant Superintendent Benedict Matlho a re dipalo tsa borukutlhi di supa fa ka 2014 go nnile le borukutlhi jo masome a mabedi le borataro mo motseng o palo ya o ne e sa feteng makgolo a matlhano. Borukutlhi ja teng ke ja go tlhoka botho mo pepeneneng, bogotswana, dikgobalo tsedi potana, bogodu ja leruo le ditlhapa tse di masisi.

Ramapodise o kopile barui ba kgaolo eo go tshuba le go tshwaya leruo la bone le santse le le botana, le go tlhokomela leruo la bone ko morakeng e seng go tlhatlhela ba bo ba di tlogela. O boletse gape fa bana ba rongwa motokwane le ditiro tse di maswe.

Dikereke tseo di ne tsa etela sekole sese botana sa Mosamowakwena ko mogokgo Mme Phama Sepako yo a boletseng fa sekole sa bone se sa dire sentle mo dithutong mme matsapa e le gore batsadi ba roma bana boleo.

Mme Sepako o boletse fa bananyana ba utswa dipensele, madi a barutabana, go lwa, matlhapa, go tshaba sekole le go goga motokwane. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Tirelo ya merapelo

Date : 28 May 2015