Breaking News

Selebi Phikwe o tshegeditse dikgaisano tsa mmino

28 May 2015

Toropo ya Selebi Phikwe e ne e tshwere kgaisano ya dipina le mmino wa Setswana tsa kgaolo ya legare bosheng, tse mo go tsone ditlhopha tse masome mabedi le bongwe, di ne di gaisana mo mminong wa tsutsube, phathisi le setapa. Makgaolakgang a dkgaisano tse a tla bo a tshwaretswe ko toropo kgolo Gaborone ka kgwedi ya Phukwi.

Mo mminong wa tsutsube setlhopha sa Moleleo-wa-tladi go Francistown se se thamilweng ka ngwaga wa 2009 ba ne ba ikgapela maemo a ntlha, e le labobedi ka ba ne ba gapile maemo ao le ka ngwagawa 2013.

Le fa go ntse jalo, setlhopha sa Kala-Tsa-Kgale go tswa mo toropong ya Selebi Phikwe se se tlhamilweng ka ngwaga wa 2011 ba ne ba dira go tlala ka diatla mo mminong wa phathisi mme ba ikgapela maemo a ntlha e le la bobedi ka ne ba a gapile ka ngwaga wa 2013 go ka iponela phatlha ya go fetela ko makgaolakgang.

Mokatisi wa sone rre Gaolathe Small Kobe are o itumelela gore mo kgaisanong ya mono ngwaga ba ne bana le maloko a masha a a supileng bokgoni ka ba ba itshugetse go nna mo seeming sa go ka gaisana mme seo se ba tiisamooko le go feta.

Setlhopha sa Ngwao le Metlha go tswa motseng wa Serowe se se tlhamilweng ka ngwaga wa 2012 mme ebile e se lantlha ba tsenelela kgaisano ba ne ba ikgapela maemo a ntlha mo mminong wa Setapa, mme morutuntshi wa setlhopha rre Bethuel Rampheti are maikaelelo magolo a bone e le setlhopha ba ne ba batla go supa gore mmino wa setapa o binwa jang ka ba ne ba itlhokoditse ka thata le le go tsenya metswako go kgatlhisa.

Rre Dominique Botshelo,mongwe wa barulaganyi ba kgaisano eo, a re e le barulaganyi maikalelo a bone ke go ribolola talente, go tshegetsa ngwao, go jesa batho monate ka tatso ya mmino le kopelo tsa setswana le go tokafatsa itsholelo ya badiragatsi ka batla ikgaphela lemmenyana kwa makgolakgang.

Fa ba latlhela la bone mongwe wa baathodi ba kgaisano rre Shadrek Letlakana a re, baleba dilo di le mmalwa mo setlhopheng gore gotwe se gaisitse jaaka mantswe a tlhapileng, katlogano mo serepoding, go itshepa le gore moribo o tsamaisa le dibini. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kgaisano ya dipina le mmino

Date : 28 May 2015