Kgaolo ya Borwa Botlhaba ya re ditlhabololo di a rotha
28 May 2015
Makhanselara a kgaolo ya borwa botlhaba ba kopile puso go rarabolola tiego ya go tsisa ditlamelo mo kgaolong ya bone .
Makhanselara ba buile se mo phuthegong kgolo ya khansele eo bosheng gore, ba re puso e tsaya nako e telele thata go ba atametsa ditlamelo.
Mongwe wa makhanselara, Rre Kgabo Mabotseng wa kgaolwana ya Magopane a re kgaolo ga gagwe ya Magope ga ena ditlamelo di akaretsa metsi, motlakase, kokelo le ditsela.
A re go tswa kgakala a kopela kgaolo eo ditlamelo mme go sena nko e e tswang lemina ka jaana a sa thusege.
Rre Mabotseng a re go le gantsi ba a solofediwa mme go seke go diragale sepe, a bo a tlhalosa fa kgaolo ya gagwe ya Magope e kile ya solofediwa kokelo.
Gape o ne a kopa ba botsogo go dira maiteko a go isa ditlamelo kwa banning ba Magope bogolo gangwefela ka kgwedi.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Matshediso Fologang ene one a re go lebega fa kgaolo ya borwa botlhaba e sa bone ditlamelo sentle.
A re tshwetso ya puso ya go tsaya ditlamelo di tshwana le metsi go a isa kwa komponeng ya Water Utilities Corporation le go tsaya boikarabelo jwa dijo tsa bana ba dikole tse dipotlana, ga goa thusa go bona ditirelo tse di botoka.
O ne a kaya ga khansele e santse ele yone e leng botoka thata go thusa Batswana ka ditirelo.
Rre Fologang o ne gape a lela ka lenaneo la Ipelegeng a re le sotla bagodi ba kgaolo ya Ramotswa.
A re bagodi ba lala mo meleng ka tsholofelo ya gore e tlare fa go bulwa diofisi mo mosong e nne bone ba ntlha go ka thapiwa.
Fa Mokhanselara Mme Nora Nkwe a ne a tlhalosa fa mafelo mangwe kwa Tlokweng a akaretsa Maratanang le Masetlheng a sena ditlamelo ntswa selelo sa bone se tswa kgakala.
O ne a tlhalosa fa puso e retelelwa ke go tsaya madi mo bathong ba ba itekodisang kwa dikokelong tsa lefatshe leno.
A re madi a puso e palelwang ke go a phutha mo dikokelong, a ne a ka thusa go reka melemo.
Fa a tswa la gagwe molaodi wa kgaolo ya borwa botlhaba Rre Ian Tema o ne a tlhalosa fa selelo sa makhanselara se utlwala ebile sele maleba.
Le gale, o ne a ba tlhalosetsa fa selelo sa letlhoko la ditirelo le aname le lefatshe leno lotlhe ebile puso e itsa ka se.
Rre Tema o ne a tlhalosa fa gole botlhokwa thata gore maphata a a isang ditlamelo kwa bathong jaaka Water Utilities Corporation a nne a lekodisa morafe le boeteledipele jwa kgaolo ka ditirelo tsa bone le dikgwetso tse ba kopanang natso.BOPA
Source : BOPA
Author : Bonang Masolotate
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 28 May 2015






