Breaking News

Ba Lephephe ba batla tlhaloso

28 May 2015

Banni ba Lephepe mo kgaolong ya botlhophi ya Letlhakeng/Lephepe ba kopile mopalamente wa bone go ba tlhalosetsa ka botlalo gore tota tota bone ba wela fa kae mo ditlhabololong.

Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Rre Liakat Kably jaaka fa a ne a ba etetse go ya go ba lekola, a tsaya megopolo mo go bone mmogo le gone go ba rolela tse di builweng kwa palamenteng e e sa tswang go wela.

Mongwe wa batsena phuthego Rre Julius Mabetwa are kgang e ea ba tshwenya ka fa e sale ka kgaoganyo ya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi pele ga ditlhopho tsa setshaba tsa ngogola e e neng ya feletsa e ba digela kwa kgaolong ya Letlhakeng, are ga ba sa tlhole ba tlhaloganya gore tota thulaganyo e e maleba ya go kopa ditlhabololo e ko kae.

A re mo nakong eno tsholofelo ya bone e ne e le gore makhanselara a bone a bo a tsenela phuthego ya khansele kwa khanseleng ya Letlhakeng, mme jaanong se se ba gakgamatsang e le go bo makhanselara a bone a santse a tsena diphuthego kwa Lentsweletsau le mororo e le ba kgaolo ya Letlhakeng.

A re fa e le gore puso e ne e kgaoganya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e lebile sengwe, bone jaanong e le banni ba metse e e digetsweng ka kwa Letlhakeng ba tlogetswe mo legoeleleng mme e bile se se a ba babalela.

Banni ba supile fa tumelo ya bone e le gore makhanselara a bone a tshwanetse ba tsenela diphuthego kwa Letlhakeng, mme ebile le bone ba tshwanetse ba ba sala morago go ba tlhatlhelela ka megopolo ba tlhaloganya sentle gore ba lebile kae.

Fa a ba kgwa dikgaba mo matshwenyegong ao a bone, Mopalamente Rre Kably o ne a ba bolela fa kgang eo ya bone a e itse ka botlalo mme e bile ba setse ba kile ba tsaya kgato ene le lekoko go tswa mo kgaolong go kopana le tona wa Dikgaolo le tlhabololo Magae Rre Slumba Tsogwane yo a neng a tlhalosa fa makhanselara a kwa Lephepe a ka se kgone go tsenela phuthego kwa Letlhakeng ka mabaka a gore khansele potlana ya Lentsweletau e ka phutlhama.

A re mme ga baa itlhoboga ka ba ne ba sa kgotsofadiwe ke karabo eo, ka jalo ba fetiseditse kgang eo kwa go mothusa tautona yo ba santseng ba solofetse karabo go tswa go ene.

Mopalamente o ne a lekodisa morafe wa Lephepe ka dikgang di akaretsa molao kakanyetso wa matimela, lenaneo la SHAA, kwadiso ya matsalo le Omang le thuto ya go bala le go kwala magareng ga tse dingwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lillian Peloentle

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 May 2015