Makhansalara a batla megopolo e tsibogelwa
28 May 2015
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kopile maphata ka go farologana a puso le a a ikemetsetseng ka nosi ga mmogo le matona mangwe go diragatsa ditshutiso tsa bone tse ba di dirang mo diphuthegong tse di tletseng tsa khansele.
E rile ba akgela mo phuthegong e tletseng ya khansele mo Masunga bosheng, makhanselara ba rile megopolo e mengwe ke e ba e ntshang ba laletsa matona a maphata go tla go ba buisa fa e mengwe e le e kopang gore go dirwe ditiro dingwe mo kgaolong mme ga go nke go diragala jaaka ba kopa.
Makhanselara a re megopolo e mengwe ke e sa bolong go ntshiwa ke makhanselara dingwaga tse di mmalwa tse di fetileng mme le jaanong jaana go se nko e e tswang lemina, ka go bo maphata a itlhokomolosa go ba fa dikarabo mabapi le ditshutiso tsa bone.
Ba re ba ipotsa gore madiadia a bakwa ke eng, ba tlhalosa fa megopolo e mengwe e le se sa bolong go tlogelwa ke makhanselara mangwe a pele ba mo nakong eno ba setseng ba dule mo bokhanselareng.
Ba tsweletse ba kaya fa go tshwenya ka jaana ba tswa ka megopolo ba lebeletse matshwenyego le gone go diragatsa thomo ya banni ba kgaolo ya bone, gape e le tsela nngwe ya go leka go kopa thuso le gone go bona ditlhaloso dingwe go tswa mo maphateng a a lebaneng.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Siviya, Rre Bakani Badziili a re dingwe tsa ditshutiso tsa bone, tse ka tsone ba laletsang matona mangwe a a lebaneng, ba bo ba lebeletse gore jaaka e le mapolotiki jaaka bone, ba tle go ba lekodisa ka matshwenyego a bone matlho a phage a lebane.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Tati Siding East, Rre Scotch Majama o ne a re go a swabisa gore ditshutiso dingwe tse di neng tsa ntshiwa ke bakaulengwe ba bone ba pele ka dingwaga tsa bo 2011, di bo di santse di tlhagelela mo diphuthegong tsa khansele, a re seo se busetsa tiro ya bone kwa morago.
Mabapi le kgang eo, makhanselara mangwe a Bokone Botlhaba ba ne ba kopa gore ofisi ya ga modulasetilo wa khansele e dirise dithata tsa yone, go leka maiteko mangwe go netefatsa gore seemo seo se a tokafala.
Mo go tse dingwe, makhanselara a ne a supa fa ba sa kgotsofalele palo ya balemisi mo kgaolong, ba re e re lentswa puso e tsweletse ka go rotloetsa Batswana go inaakanya le temo, fela tlhaelo eo ya balemisi e kgoba balemi marapo ka jaana molemisi a le mongwe a tlamega go thusa metse e le mmalwa, selo se ba tlhalositseng fa se mo thatafaletsa go thusa balemi ka fa go tshwanetseng.
E re dikgang di eme jalo, e re ka jaana makhanselara a Bokone Botlhaba a ne a tshwanetse go wetsa phuthego ya bone ba sena go buisana ka megopolo e le supa, fela ba ne ba wetsa phuthego kgwedi eno ele masome a mabedi le bosupa ba sena go buisana ka megopolo e le mebedi fela le dipotso di le lesome le boferabongwe.
Ditshutiso tse dingwe go ne ga seka ga buisangwa ka tsone ka jaana beng ba tsone ba ne ba seyo ka mabaka a go tshwarwa ke dingwe tsa tiro mme khansele ya dumalana gore di fetisediwe kwa phuthegong e e tlang.
Le fa gontse jalo, mo ditshutisong tseo ka bobedi tse di neng di beilwe khansele pele, tsotlhe di ne tsa boelwa morago ka mabaka a gore o mongwe go ne go tlhalosiwa go sa dirwa ditlhotlhomiso sentle ka ga one, fa o mongwe o ne o setse o arabilwe le lekalana le le lebaneng.
Tshutiso e nngwe e e neng ya boelwa morago ke ya ga mokhanselara Majama, e e neng e kopa lephata la ditswammung, kgotletso le metsi go tlhotlhomisa ka go phatloga ga matlo mangwe kwa motseng wa Tati Siding, mme bakwa ke ditiro dingwe tse di dirwang kwa Quarry e e gaufi le motse oo. BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 28 May 2015






