Breaking News

Ba kopiwa go aba madi

27 May 2015

Banni ba Serinane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba kopilwe go aba madi a mmele. Seo se builwe ke mooki wa sepatela sa Scottish Livingstone kwa Molepolole, Mme Alice Lebogang .

O kaile gore go botlhokwa go aba madi a mmele ka madi a dirisiwa ka nako tsa bangwe ba amegile mo dikotsing ba latlhegelwa ke madi a mantsi kana bomme ba ba itsholofetseng ka nako ya pelegi.

Mme Lebogang o ne gape a supa gore motho o tshwanetse gobo a ka aba madi a sa lwale bolwetsi jwa kgotlholo e tona,ana le mogare wa HIV kana a na ke bokete jwa mmele jwa selekanyo sa masome a matlhano go ya kwa godimo.

O tsweletse ka go supa fa madi a mmele a tlhokega ka nako tsotlhe.O supile fa mo mothong ba kopa madi a selekanyo sa kopi. O ne a supa gape gore batho ban ne le tshepo mo go bone ka ba tlhatlhoba madi fa a tsena kwa Gaborone.

O ne a tlhalosa fa ba tlhatlhoba malwetsi mo mading ao gore a seka a fetisetsa bolwetsi mo go yo mongwe.Mongwe wa banni ba motse oo Mme Malebogo Pilane one a botsa gore bat la itse jang gore a gona le malwetsi mo mading ao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 27 May 2015