Monana o kgweba ka dikgong
27 May 2015
Monana mongwe wa kgotla kwa Mahalapye, Rre Oteng Hambunja, o eme ka dinao go itlhotlhora lehuma ka go inaakanya le kgwebo ya go rekisa dikgong.
Rre Hambunja yo o dingwaga di masome a mabedi le bongwe o boletse mo potsolotsong bosheng gore o simolotse kgwebo ya gagwe ngwaga o o fetileng. O boletse fa a simolotse kgwebo ya gagwe morago ga go bona a sokola mo botshelong mme mmaagwe a sa kgone go mo tlhokomela ka mabaka a bogodi.
A re o ne a simolola ka go reka maotwana le taselebomo mme a itirela kolotsana ka disenke, morago ga moo one a simolola go dirisa ditonki tsa mo lwapeng go ya go rwalela dikgong.
O tlhalositse gore kgwebo ya gagwe ke ya go rwalela dikgong mo sekgweng se se bapileng le motse wa Mahalapye mme a di isetse bareki ko ba nnang teng, are kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle e bile bareki ba dikgong ba oketsegile mo pakeng ya mariga.
One gape a tlhalosa fa a rekisa kolotsana ya dikgong makgolo a mabedi a dipula mme nako nngwe a di rekisa lekgolo la dipula morago ga go buisana le moreki abo a itemogela fa moreki a sa dire madi a mantsi ko a direlang teng, are go dira jalo go bolokela moreki madi gape go dira gore ene ele morekisi a seka a tlhoka madi a a ka itshetsang ka one.
Rre Hambunja o tlhalositse fa a dirisa madi a a tswang mo kgwebong ya gagwe go tlhokomela ba lolwapa la gagwe le motsadi wa gagwe.
Rre Hambunja one a kopa banana go nna le mowa wa boipelego mo botshelong, a tswelela ka gore le fa ba sa bone ditiro tsa sennelaruri ba bate ditiro tsa nakwana gore ba bone madi a go itshetsa gona le go nna fela mo lwapeng. Ends
Source : BOPA
Author : Phidson Mojekeri
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 27 May 2015






