Breaking News

Ba Serinane ba kopiwa go isa dikgafela

27 May 2015

Kgosi ya Serinane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Malang Galoatle, o kopile gore ka kgwedi ya Phalane ba ba robileng kwa masimong ba tsise thobo kwa kgotleng.

O buile seo fa a buisa phuthego kwa kgotleng ya motse oo. O ne a supa fa ngwao e nyelela ka jalo o bone gole botlhokwa gore ba tsosolose dikgafela le go bolotsa letsema. Fa re sena go bolotsa letsema gona le meila ya ditlhare le ya dipoo.

O supile fa ka ngwao ya setswana ele moila go rema ditlhare go sena go bolotswa letsema.One gape a ngongoregela batho ba ba sa somareleng tikologo. O kaile fa gona le batho bangwe ba ba remang ditlhare go dira dikota mme ba di rekise mo tseleng ya Serinane-Molepolole.O supile fa seo se sa siamela tikologo.

O kopile botlhe baba remang dikota bas a neelwa teseletso ya go dira jalo bat la tseelwa dikgato tse di gagametseng.Kgosi Galoatle o ne gape a kopa basadi go tla kgotleng ba apere sentle. O kgadile basadi b aba tlang kgotleng ba apere marokgwe.

O tsweletse ka go ngongoregela gobo banana ba Serinane ba le boitseme go ikopela ditsha. O ne a kopa batsadi go rotletsa banana go ikopela ditsha.

O supile fa ele Kgosi ene a amogela mongwe le mongwe Motswana yo a ikopelang setsha. Fa ba kgwa kgosi dikgaba Rre Moemedi Kwenaetsile o ne a supa fa kgang ya go rema dikota ka bokete e mo tshentse.

O supile fa bare ba kgalema b aba senyang b aba raya bare ditlhare gase tsa bone.Mongwe wa banni Mme Pelaelo Tebele o supile boitumelo gobo kgosi a na le maikaelelo a go tsosolosa ngwao ka dikgafela.

O ne a gakolola basadi go apara dijale le go rwala ditukwi mo kgotleng mme borre baa pare dibaki. Ends

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 May 2015