Breaking News

Kgosi o rotloetsa tirisano mmogo ya dikereke

27 May 2015

Kgosi Gabriel Ntau wa Maleshe mo kgaolong ya Kgalagadi o kgothaditse diphuthego tsa dikereke tse di farologanyeng  go tshwaragana, go tlotlana le gone go rapela ka bongwe fela jwa pelo ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa mo go tiiseng tumelo le go e godisa.

Kgosi Ntau o ntshitse kgothatso e, ka Sontaga (Motsheganong 24) mo letsatsing la go tshuba dikerese go gopola ba ba tlhokafetseng ka lebaka la HIV/AIDS.  Moletlo o ne o rulagantswe ke ba ofisi ya ga molaodi le ba lekgotla la baruti mo kgaolong eo.

O ne a tlhalosa fa thapelo e le konokono mo dikgwetlhong tsotlhe tse motho o ka kopanang le tsone mo botshelong, Are go botlhokwa gore diphuthego di tlotle baruti ba tsone ka e le bone ba ba tshwereng ka natla go goga diphuthego ka go di kaela lesedi la go latela lefoko la modimo.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo Rre Tiroyaone Mabe modiri go tswa mo lephateng la botsogo kwa motseng o, o ne a tlhalosa fa e ne e le go tlisa tsholofelo le kgothatso mo go ba ba amegileng le ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS.

Rre Mabe o ne a tlhalosa fa moono e ne le go rotloetsa setshaba go tsibogela dikeletso tsa ba ba tshelang ka mogare wa HIV/ AIDS ka go ba ema nokeng, go emisa kgethololo ga mmogo le go tlotla ditshwanelo le boleng jwa bone.

A tlatsa ka go supa fa gape e le go rotloetsa go bua ka lentswe le le lengwe le go supa tshwaragano ya dikereke le goromente mo go lwantsheng mogare wa HIV/AIDS re lebile maikaelelo a lefatshe a gore ka ngwaga wa 2016 go bo go sena mogare o mosha oo fitlhelwang mo setshabeng ebile go sena dintsho tse di bakwang le gone go emisa kgethololo mo go ba ba tshelang ka mogare.

Fa a ntsha mafoko a tebogo modulasetilo wa lekgotla la baruti moruti wa kereke ya Spiritual Healing Church mo Tsabong Rre Boiditswe Samaano o ne a lebogela maiteko a puso a go thusa setshaba ka dipilisi tse di ritibatsang mogare, a kaya fa seo se fokoditse poifo mo setshabeng ka ba ne ba felela ba itlhoboga mo botshelong fa ba setse ba iphitlhela ba na le mogare wa HIV/AIDS.

Rre Samaano one a rotloetsa botlhe ba ba sa itseng diemo tsa bone tsa mogare go ya go itlhatlhobela mogare. O ne a kopa le go gakolola bakeresete ba diphuthego tse di farologanyeng go ema nokeng botlhe ba ba tshelang ka mogare go ba sidila maikutlo ka lefoko la modimo le gone go ba fa lorato le kutlwelobotlhoko ka nako tsotlhe ka seo se ka fetola maikutlo a bone ka go tshela ba phuthulogile ba sa inyatse le go itlhoboga.

A tlatsa ka go leboga diphuthego tsa dikereke tse di neng di tshologetse pitso eo le botlhe ba ba nnileng le seabe mo go atlegeng ga letsatsi leo.

Baruti go tswa mo diphuthegong tse di farologanyeng ba ne ba kgothatsa ka go rera lefoko la modimo mo letsatsing leo go sidila botlhe maikutlo le go gopola botlhe ka dithapelo ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya lebaka la mogare wa HIV/ AIDS. Ends

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Maleshe

Event : Segopoptso sa ba ba bolailweng ke HIV/AIDS

Date : 27 May 2015