Ba Mmathudukwane ba ngongorega ka bodiredi
27 May 2015
Banni ba Mmathubudukwane mo kgaolong ya Kgatleng ba ngongorega ka bodiredi mo kgaolong eo ba re ba maoto a tshupa go ba fa ditirelo.
E rile ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mothusa Tona wa Ofisi ya Merero ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, ka Labobedi (Motsheganong 26) ba tlhalosa fa mananeo a puso a le bonya go goroga kwa go bone.
Kgosi Michael Balebetse o supile mo kamogelong ya gagwe gore ga ba bone ditlhabololo sentle mo motseng wa bone. A re e re le ntswa puso e dirile mananeo a a ka sologelang Batswana molemo,ga ba a bone mo kgaolong ya bone mme selo se se ba utlwisa botlhoko fela thata.
Kgosi Balebetse o supile fa bodiredi bo sa batle go tsaya boikarabelo jwa go ba thusa ka jaana ba fiwa mananeo mme ba nne ka one. “Go na le bodiredi jo bo nang le boitseme fa bangwe bone ba nna fela ba seyo mo diofising tsa puso gotwe ba ile dithutong le tse dingwe mme go sena yo o fang Batswana dithuso”.
O ne a kopa mothusa tona go ba thusa ka jaana le bone ba batla go akola mananeo a puso mme gole bonya gore ba a bone. Kgosi Balebetse o ne gape a supa fa ba na le tshingwana ya nyeletso lehuma e e neng e ka ba thusa mme ga go nko e tswang lemina mo go yone.
A re keletso ke gore e ka bo e tswela banana ba motse oo mosola ka go dira dikgwebo dingwe mo go yone tse di neng di tla ba thusa. E rile a mo kgwa dikgaba, Mothusa tona Rre Makgalemele a bolelela morafe fa ditirelo le mananeo a puso di tshwanetse tsa goroga ko batswaneng ka nako e bile di ba tswele mosola.
A re badirelapuso ba tshwanetse ba dira ka natla go thusa setshaba ka e le tiro ya bone go dira jalo go ya ka mapahata a bone ka go farologana. Rre Makgalemele a re o itse sentle go bodiredi ga bo dire ka go tshwana ka bangwe ba le bonako le go thusa setshaba fa bangwe bone ba dira ka bonya mme a ba kgothatsa go ema ka dinao go direla setshaba sa Botswana.
O kopile molaodi wa kgaolo ya Kgatleng go ema ka dinao go golaganya bodiredi le morafe gore matsapa di a tsaya kae. Mothusa tona a re o tlhaloganya dikgwetlho tse badirelapuso ba berekelang mo go tsone mme puso e leka ka bojotlhe go araba dilelo tsa bone.
A re go na le melawana ya go fa setshaba dithuso mo diofising tsa puso mme a supa fa bodiredi bo tshwanetse jwa thusa setshaba ka tlotlo e bile ba tseye dingongorego e le tse di ba thusang go tokafatsa bodiredi jwa bone.
Rre Makgalemele a re bodiredi jwa puso bo tshwanetse ba amogela setshaba ka lorato mo diofising tsa bone e bile go seka ga nna le tshenyetso setshaba epe. Ends
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mmathubudukwane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 May 2015






