Puso e itlama go nyeletsa lehuma
27 May 2015
Mothusa Tona wa Ofisi ya Merero ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, a re puso e itlamile go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo fa ngwaga wa 2017 o ya fifing.
Mothusa tona o buile se mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi (Motsheganong 26) kwa Mmathubudukwane mo kgaolong ya Kgatleng. Rre Makgalemele a re gore puso e kgone go dira tiro ya one, e tlhoka kemo nokeng ya Batswana le megopolo ya bone go thusa go fedisa lehuma le le tshedisetsang Batswana mo kgobedung.
A re tshwaragano ya Batswana le mowa wa boipelego di tswa kagakala e bile ke tsone di agileng lefatshe leno ka jalo a tlatsa ka gore tswelelo pele ya tsone e tla rurifatsa e be e supa kgatelopele mo go lwantsheng lehuma.
Mothusa tona o ne a kgothatsa batsadi le morafe ka kakaretso go tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo ka jaana thuto e le yone konokono ya go nyeletsa lehuma. Rre Makgalemele o kopile batsadi gore ba rurifatse gore bana ba bone ba ya sekolong e bile ba dira sentle mo dithutong mme a kopa tshwaraganelo ya thuto le barutabana.
O ne a supa gape gore nngwe ya dilo tse di oketsang lehuma ke go tlhoka bonno mme a supa gore lenaneo la ga Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama la go agela batlhoki matlo le diretswe go thusa Batswana ka bonno jo bo ba nayang seriti.
Mothusa tona o ne a rotloetsa morafe go tsaya boikarabelo jwa go thusa batlhoki mo motseng wa bone le gone go nna le mowa wa go ipelega o o dirileng Botswana se e leng sone. Rre Makgalemele o ne gape a supa fa botsogo le jone bo kgona go tlisa lehuma mme ka jalo a kgothatsa Batswana go babalela botsogo jwa bone le go tsaya dikgakololo tsa bongaka ka tlhwaafalo.
A re sengwe se se kgonang go tlisa lehuma gape ke go tlhoka itsholelo ya go itshetsa mme a supa gore ke ka moo puso e tsileng ka mananeo a a tshwarang masome a mane le botlhano (45) gore Batswana ba kgone go itshetsa.
Mothusa tona a re mananeo a a diretswe Batswana mme ba tshwanetse gore ba a dirise gore ba kgone go tokafatsa itsholelo ya bone.
Makgalemele o supile fa lephata la boipelego e le lone le le di gogang ko pele mo go thusang tsamaiso ya mananeo a mme e bile gape ba itse gore ke bo mang ba ba tshwanetsweng ke one ka ba dira ditshekatsheko gore ba ba maleba e nne bone ba ba boelwang.
E re dikgang di eme jalo, mothusa tona o kopile Batswana go fa puso megopolo e ba nang le yone e ba dumelang gore e ka tlisa diphetogo mo matshelong a bone. “Re le ba Ofisi ya ga Tautona re dumela gore motho yo o tlhokang o tshwanetse go thusiwa gore le ene a kgone go tshela sentle e bile a ikemele ka nosi”.
Rre Makgalemele o ne a rotloetsa banni ba motse oo go dira dikoporase tse di ka ba busetsang gore ba kgone go itshetsa ka ba ka kgona go tsena mo dikgwebong dingwe le dingwe, a tlatsa ka gore mo mananeong a le 45 ba ka dira a le mane mo go one.
E re dikgang di eme jalo, mothusa tona Rre Makgalemele o ne a lemotsha banni fa Ofisi ya merero ya ya Tautona le bodirelapuso e okametse maphata ka go farologana mme a supa fa mangwe a one e le maphata a tshwana le la Dibetso tsa tlholego, dikitsiso le Kgaso, Twantsho tshenyetso setshaba le a mangwe. Ends
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mmathubudukwane
Event : Phuthego
Date : 27 May 2015






