Breaking News

Mokhansalara o tshwentswe ke maduo

26 May 2015

Mokhaselara wa kgaolo ya Letlhakeng Bokone Mme Stella Segwagwa o supile fa a sa jesiwe diwelang ke maduo a a kwa tlase mo dikong tsa kgaolo ya gagwe. O buile seo fa a fetola pego ya modulasetilo wa khansele eo.

O ne gape a ngongoregela go tlhoka go theogela ka nako ga bodiredi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng go a tshwenya. O supile fa a itemogetse seemo sa gore batho ba tsaya sebaka se se leele ba letetse bodiredi kwa di ofising.

O ne gape a supa a ngongoregela dikoloi tsa khansele,tsa goromente le tsa lephata la ditsha di nna kwa malwapeng a bakgweetsi. O kaile fa mo dikoloi tsa puso di tshwanetse go nna kwa dikagong tseo gona le kwa malwapeng a bodiredi.

Mokhanselara wa Mantshwabisi Rre Meshack Tshenyego le ene o ne a tlatsa mokhanselara Segwagwa ka go supa a sa itumelele kwelo tlase ya maduo mo dikolong. O kopile gore go okediwe dipalo tsa babereki ba ipelegeng kwa kgaolong ya gagwe segolo jang kwa Maaege le Matlagatse.

O ngongoregetse ba ofisi ya banana go sa iponatse kwa kgaolong ya gagwe go buisa diphuthego. One gape a ngongoregela gore gona le batlhoki kwa kgaolong ya gagwe b aba phimotsweng ntswa seemo sa bone se sa tokafala.

O ne gape a lebogela gore batlhoki ba tsweletse ka go agelwa matlo mme a supa a sa itumelela gore ga ba tsenyediwe metsi. One a tswelela ka go kopa gore motsana wa Maanege o tlhomamisiwe semmuso go nna motse ka batho ba motsana oo ba le bantsi.

Rre Tshenyego o ne a kopa gore fa go ka bonwa madi ba agelwe ga go ka latedisiwang ditlamelo tsa botsogo teng kwa Maanege le Mmamojewa. Fa a latlhela la gagwe Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane Rre Tsabahule Kgotlhang o ne a supa fa letlhoko la dikoloi mo maphateng a puso go busetsa ditirelo kwa morago.

O ne supa fa ba sale ba batla gore ba agelwe kokelo kwa Ditshegwane ka kokelwana ele nnye. O akgotshe ditiro tse ba di neelwang ka Ipelegeng. Mokhanselara wa Kaudwane/Sorilatholo o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke seemo sa tsela ya Sorilatholo-Khudumelapye.

O ne a supa gape fa letlhoko la matlo a bodiredi kwa Sorilatholo le mo tshwenya. One a lebogela gobo go tlaa tshelwa lekgarapa mo tseleng tse di ralalang motse kwa Kaudwane.Motlotlegi Rre Lopang Sebutlenyane yo e leng Mokhanselara wa Salajwe one a supa fa pego ya modulasetilo e le lolea ka e sa ama dintlha tse dintsi tsa kgaolo potlana ya Letlhakneg.

O ne a supa fa modulasetilo a sa ama tebelopele ya sechaba ya 2016. O ne gape a supa fa a tshwenngwa ke letlhoko la ditiro ga banana mo kgaolong ya gagwe.

Mme Beauty Bogale wa Motokwe ene o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke seemo sa dikago tsa sekolo sa Motokwe. O ne gape a supa fa a sa itumelele gobo khansele e sa fe beng gae ditiro tsa go aga matlo a batlhoki gona le dikompone tse ditona jaaka go diragala.

O ne a supa fa a ngongoregela gobo go tsaya lebaka gore batho ba ba thusitsweng ka nyeletso lehuma ba neelwe dithuso tsa bone go simolodisa dikgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 26 May 2015