Komiti e akgola Black Rangers
26 May 2015
Modulasetilo wa komiti ya Kgalagadi South Football Association (KGASOFA) Rre Tokyo Modise o akgoletse setlhopha sa kgwele ya dinao sa Black Rangers se se dirileng go tlala ka diatla mo dikgaisanong tsa first division league kwa Gaborone.
O buile se mo phuthegong e ba neng ba e tshwere e maikaelelo a yone e neng e le go sekaseka tse ba di kgonneng tsa go tsosolosa kgwele ya dinao mo kgaolong ya kgalagadi borwa.
Mo pegong ya gagwe modulasetilo Rre Modise o ne a tlhalosa fa ditlhopha tsa kgwele ya dinao ka bontsi di tswa kgakala di sa ntse di sa kgone go goroga kwa makgaolakgangnnyeng.
O ne a tlotlomatsa thata komiti ya pele e e akaretsang Rre William Mpete, Mme Sentlabane le ba bangwe ba ba dirileng ka botswa pelo mo go tlhomamiseng gore kgwele ya dinao ea gola ka go bopa kgwele ya dinao ya bomme le gone go tsosolosa ditlhopha tse di neng di setse di feletswe ke tshepo ka mabaka a a farologanyeng mo kgaolong eo.
Rre Modise o ne a kopa komiti eo go ema ka dinao ka go dira mmogo ba tshwaraganye gore ba tle ba kgone go bopa sesha ditlhopha tsa kgwele ya dinao le go godisa tse di setseng di le teng.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa phuthego e e tshwarwa ngwaga le ngwaga. Modulasetilo o ne a supa fa ditlhopha ka bontsi di na le letlhoko la madi le dipalamo mme a kopa dikompone tse di ikemetseng, bagwebi, maphata a puso le mongwe le setshaba ka kakaretso kemonokeng le thotloetso ka seo se ka thusa thata mo go bopeng sesha ditlhopha tse di itsetsepeng go ya pele.
O ne a gwetlha gape le tsone ditlhopha tse di ntseng di inyatsa go tsaya malebela mo phunyeletsong ya setlhopha sa Black Rangers mme ba itome molomo wa tlase gore le bone mo isagong go bo go ikgantshiwa ka bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya komiti ya kgwele ya dinao
Date : 26 May 2015






