Tiro e ntle e tshwanelwa ke legofi
26 May 2015
Motlhatlhelela dithuto yoo ikemetseng Mme Hannah Lecha a re e re le ntswa dikgang tsa barutabana di le dintsi, fela go a itumedisa gore bangwe ba bo ba kgona go ntsha maduo a a nametsang.
Mme Lecha o buile jalo kwa moletlong wa go lemoga le go abela barutabana ba sekole sa Moeti ditlankana tsa go ba akgola morago ga gore ba bo ba dirile sentle mo go ntsheng maduo a a nametsang a lokwalo la boraro morago ga gore go tlhalosiwe fa sekole seo se ntse se ntsha maduo a mantle go tloga ka 2010.
A re go botlhokwa gore motho ga a dirile tiro e ntle, a lemogiwe kgotsa a akgolwe gore le ene le ka moso a ikutlwe a le motlotlo thata le fa a tswelela ka go dira, a re ke go ba tiisa moko mo go se ba se dirang.
O tsweletse a re go ba lemoga go ba dira gore le bone ba tswelele ba ikutlwa ba le motlotlo e bile ba tswelela ka go dira bontle joo go re ba kgone go tsamaya sekgele.
A re go lemoga tiro ya motho ke selo se se botlhokwa thata ka jaana se mo neela monyetla wa go itemoga gore le ene ke batho le gore ba seka ba tloga ba nna boitseme mme ba tloga ba simolola go lekanya tiro le madi.
Mme Lecha a re go bua ka morutabana gompieno ke kgwetlho e tona ka jaana ba kopana le bana ba botho jo bo farologanyeng le go dirisa dilo tse di farologanyeng jaaka nnotagi, ditagi le tse dingwe tse di farologanyeng, mme a ba lebogela gore lefa go ntse jalo, ba ile ba kgona go fenya diemo tseo.
O bile a re ga ba kgonne go dira sentle mo ngwageng ono, ke gore o o tlang le gone ba tswelele ka yone tiro e ntle e.
Gape o ne a kgothatsa le ba ba sa tsayang sepe a re ba seka ba kgobega marapo, mme ke yone nako ya gore le bone ba lome molomo wa tlase gore mo ngwageng o o tlang le bone ba bone sengwe.
O ba kgothaditse go tla ka mekgwa e mesha e ba ka e dirisang gore ba tlise maduo mo ngwageng o no, a re o dumela fa go bereka ba le seopo sengwe e le gone go ba tlisetsang maduo a mantle ao.
A re ba seka ba nna ba bua thata gore baa dirisiwa mme a re le bone ba nne le sebaka sa go dirisa ditsompelo tsa puso gore ba kgone go ntsha o ne maduo a mantle.
Mme Josephinah Makoba, go tswa kwa Mmadikolo (UB) a re barutabana ba Moeti ba dira tiro e ntle thata, mme a tlatsa ka gore ba tshwana le mokgweetsi wa koloi ya setshaba, ka a re ba na le bana ba mefuta mme fela se se molemo ke gore ga go ba itsapise.
O tsweletse a re e re lentswa batsadi bakile ba ba kgala ka nako ya tlhagogo ya mowa wa ga Saatane, o o neng o le mo dikoleng, bangwe ba dumela fa o tla ka bone fela o lebogela gore seo se bo se sa ba kgoba marapo, a re o ba lebogela gore bone ba kgona go ikgothatsa mo di nakong tse di thata.
A re kana fa bana ba ya go goroga kwa go bone kwa Mmadikolo, ba a bo ba setse ba budule ba tla ba agegile jaanong sa bone e le go kgoma fela ka tota tiro yotlhe e dirilwe kwa ba tswang gone.
Mme Makoba a re ga se gantsi dikolo di ipha nako ya go lemoga barutabana fa ba dirile tiro e ntle, mme o ne a ba a akgola thata bogogi jwa sekolo sa Moeti a re botswelele fela jalo.
Mothusa mogokgo wa sekolo seo, Mme Gladys Mafoko a re tirisano mmogo e e kwa sekoleng sa bone ke e e kwa godimo.
A re ba e lebogela segolo jang ka e ba tlisetsa maduo a mantle thata, mme a re e re lentswa ba ise ba nne bone ba ntlha lefatshe lotlhe, fela mo kgaolong eo ba dira bontle thata.
Mme Mafoko a re kwa sekoleng sa bone ba dumela fa thuto e tshwanetse go tseelwa kwa godimo thata le gone gore bana ba tshwanetse go fenya ka maduo a a nametsang go sa kgathalesege gore seemo se ntse jang.
Mogokgo wa sekole seo Rre Mophulodi Raditsi e ne o rile ba tshwanelwa ke go ititaya ka thupana gore ba fitlhelele se ba se batlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Moletlo wa sekolo
Date : 26 May 2015






