Motho o thata ka se gaabo
26 May 2015
Batswana bangwe ba kgaletswe go kopa dingwao tsa merafe e sele mme ba nyatsa ya bone mo go felelang e nyelela jaaka go direga gompieno.
Go buile jalo kgosi ya Moshupa, Kgosi Oscar Mosielele, kwa moletlong wa go supa ngwao kwa sekoleng se se botlana sa Bakoko kwa Moshupa bosheng. O boletse fa ngwao e nyelela ka monokela mme e metswa ke dingwao tse dingwe bogolo jang tsa batho basweu.
Kgosi Mosielele o boletse fa ba nyatsa teme ya ga bone ya Setswana mo ba felelang ba kopanya puo ya Setswana le ya sekgoa fa ba bua, mo Motswana a buang Setswana le sekgoa nako e le nngwe.
O ba kgotlhaditse go tlhopha tsedi siameng mo ngwaong tse dingwe tsa merafe e mengwe. A re mokgwa wa go apara le go tsamaya e hetogile mo batswaneng, o boletse fa dijo tsa Setswana le tsone di tlogetswe go jewa tsa merafe e sele tsedi senang dikotla ka gore ke tsa maitirelo.
A re dijo tsa Setswana tsedi lengwang ko masimo di na le dikotla fela tse dintsi. Kgosi o boletse fa bogologolo Batswana ba ne ba na le mowa wa boipelego le go thusa ba ba dikobodikhutshwane.
A re go ne go na le letsema ko batho ba kgobokanelang ko go yo mongwe ba mo thusa mme ba sa duelwe ka sepe go apeiwa dijo le boalwa fela.
A re go ne go nale lenaneo la mafisa le morui mongwe a neelang motho mongwe yo senang dikgomo dikgomo dingwe tsa gagwe gore a di dise mme morago a mo tshwaele kgomo, motho yoo o ne a di dirisa go itemela, go nwa masi le go itirela moraka, a re dilo tseo jaanong di nyeletse go beilwe sengwe le sengwe mo pusong, mo gotweng athama ke go jese.
O boletse fa mokgwa wa go dumedisa o nyeletse le one mme a kopa batsadi go ruta bana ka bonnye gore ba seka ba tlhaelwa ke ngwao.
O boletse fa meila le yone e ne e thusa go bopa setshaba le bana. Kgosi a re ditlhabololo le tlhabologo di latlhile boleng ja ngwao mo Batswana ba iphetlhelang ba le fa gare ga dinaka tsa nare ba sa e ikitsi.
O rotloeditse Batswana go kwala ngwao ya bone gore etle e bolokwe ebo e somarelwe. A re puo ya sekgoa e hupeditse puo ya Setswana.
Sekole sa Bakoko ke sengwe sa dikole tsedi ratang go supa ngwao ebile ba supa dijo, metshameko, maboko, dipina le mekgwa ya Setswana. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Moletlo wa go supa ngwao
Date : 26 May 2015






