Ba araba mokgosi wa ga Tautona
25 May 2015
E re ka jaana tautona a ne a tlhaba mokgosi ka go gwetlha Batswana go nna le mowa wa kutlwelo botlhoko le neelano, mokgosi oo o wetse mo bathong ba ba tsebe ntlha go utlwa, ka go lebega Batswana ba tsweletse ka go o araba ka jaana ba tsweletse ka go thusa bangwe ka bone.
E rile kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro, kereke ya St John Apostolic Faith Mission ya lekalana la Makaleng ya abela mme mongwe wa motlhoki wa motse oo, Mme Keorapetse Ntema ntlwana ya boitiketso e e agilweng ka madi a a ka tshwarang dikete tse thataro tsa dipula.
Fa a bua kwa pulong semmuso ya ntlwana eo ya boitiketso, modiri go tswa mo lephateng la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba, a direla kwa Makaleng, Mme Lechani Peter o ne a re mo metlheng ya gompieno, ga go a lebana gore ope a tlhoke ntlwana ya boitiketso mo lwapeng.
A re ka jalo go nna le ntlwana eo mo lwapeng go tlaa fa Mme Ntema seriti ka e bile seo e tlaa nna segakolodi mo motseng wa Makaleng. O bile a re ba kereke eo ba dirile tiro e kgolo ya go supa kutlwelo botlhoko, ka jalo go tshwanetse ga tsewa malebela mo go bone.
Mme Peter a re e re le ntswa puso e leka bojotlhe go thusa go tsholetsa matshelo a Batswana, fela ka nosi ga e kake ya kgona, mme go a itumedisa go bona bangwe ba dira maiteko a go thusa puso mo go e imololeng morwalo oo.
Ka jalo Mme Peter o ne a kgothatsa maloko a kereke eo go tswelela ka mowa oo go ya go ileng ka jaana Modimo o tlaa ba okeletsa mo sengweng le sengwe se ba eletsang go se dira.
Mo tshedimosong ya gagwe mabapi le kago ya ntlwana eo, Moruti Ngwebula Ngwebula a re ba ne ba ipotsa gore jaaka Tautona a tlhabile mokgosi, seabe sa bone e ka nna eng e le dikereke.
Moruti Ngwebula a re le fa go ntse jalo, ba ne ba tswa ka mogopolo wa go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego mo motseng.
A re mabapi le mogopolo oo, ba ne ba ikopanya le modiri wa lephata la boipelego, mme a ba gakolola fa go na le motlhoki mongwe yo o tlhokang ntlwana ya boitiketso.
Rre Ngwebula a re ba kgonne tiro eo ka tomagano le tirisanyo mmogo e ba nang le yone le dikereke tse dingwe ka go farologana, e mo go yone ba dirang mekolokotwane ya go kokoanyetsa dikereke tseo ka bongwe ka bongwe madi.
O tsweletse a re e le dikereke tseo, ba ne ba dumalana gore nngwe le ngwe ya tsone e tlaa tswa ka mogopolo wa yone go bona gore madi ao e ka a dirisa mo ditirong dife, go balelwa le tsone tsa bopelotlhomogi.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Pulong semmuso ya ntlwana
Date : 25 May 2015






