Modulasetilo o gakolola ba boipelego
25 May 2015
Mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Lathang Molonda, o gwetlhile botlhe ba ba ithutetseng tiro ya boipelego go nna sekao mo setshabeng ka jaana tiro ya bone e faphegile e bile e botlhokwa mo setshabeng.
A re ga ba eletse go utlwa gotwe bodiredi joo bo amega mo digannyeng dipe tsa botlhoka tsebe tse di kgatlhanong le tiro ya bone.
Rre Molonda o ba gwetlhile jalo kwa bokopanong jwa mokgatlho wa bodiredi jwa boipelego la Botswana National Association of Social Workers a tlhalosa fa puso e lemoga botlhokwa jwa bodiredi joo.
A re go ka nna maswabi gore e re ba lwantsha dikgang di tshwana le kgokgontsho ya bana, bomme le borre, botlhoki e re ka moso ba bo ba fitlhelwa ba amega mo dikgannyeng tseo. O tsweletse a re ba tshwanetse ba nna sekao mo go se ba se dirang e bile ba se ruta morafe.
Rre Molonda o tsweletse a re tiro ya boipelego e tshwere botshelo jwa Motswana gongwe le gongwe ka jaana bodiredi bo tlhokafala go tsenya letsogo mo diemong dingwe le dingwe e ka tswa e le dibetso tsa tlholego, botlhoki kana mananeo a puso a a itebagantseng le go tlhabolola motho.
A re ka moo motse mongwe le mongwe o na le mmaboipelego go itebaganya le go arabela dikgang dipe fela tsa morafe.
O tsweletse a re mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba motlotlo ka bodiredi joo ka jaana bo seke bo ba tlhabisa ditlhong bogolo jang fa Tautona wa lefatshe leno a buisa diphutego tsa dikgotla go lekola Batswana.
Mothusa modulasetilo o ne a rotloetsa batsena bokopano joo go ntsha ga tshwene mo tirong ya bone jaaka ba tlaa bo ba boela kwa mafelong a bone a pereko.
A re o dumela fa ba anywile go le gontsi mo bokapong joo jwa bone.
E ne e rile go le pele, moeteledipele wa mokgatlho, Mme Felistus Motimedi a tlhalosa fa tiro ya bone e le pitso ka jaana ba dira ditiro di le mmalwa le tse ba sa di ikatisetsang tota.
O ikuetse mo pusong go tsaya tsia tiro ya boipelego a re ba ka leboga thata fa ba ka tsewa jaaka ba tsaya karolo ba tia mo go arabeng dikgwetlho tse di lebaneng tshaba eno.
O nankotse fa tiro ya boipelego e le go tlhabolola matshelo a Batswana ka kakaretso, go netefatsa gore botlhe ba akola ditlamelo, go naya motho seriti le gone go rurifatsa gore ditshwanelo tsa bone ga di gatakiwe.
Mme Motimedi a re ga a na pelalelo epe mo malokong a mokgatlho a re botlhe ba dira tiro ka manontlhotlho a a kwa godimo ka ba eletsa go bona Motswana a tshela botshelo jo bo mo fang seriti.
Fa a tswa la gagwe, tona wa dikgaolo le tlhabololo matshelo, Rre Slumber Tsogwane o ne a supa fa puso e tsaya tsia tiro ya boipelego.
A re ke tiro e e botlhoka thata mme a supa fa e le keletso ya bone go itsalanya le mokgatlho oo go tsweledisa tema ya go tlhabolola Batswana.
Tona o ne a kopa mokgatlho oo morago ga bokopano joo ba amogane le lephata la gagwe, ditshwetso le tseo ba batlang gore di ka lejwalejwa.
A re seo se tlaa tiisa tirisanyo mmogo ka jaana mokgatlho o tlaa lemoga fa puso e kgathala ka tiro e ba e nayang morafe. Fa ba akgela, maloko a ne a lela ka go tlhoka go tlhatlosiwa maemo ga bodoredi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Bokopano
Date : 25 May 2015






