Breaking News

Sekole se abela lelwapa

25 May 2015

Sekolo se sebotlana sa Motetshwane kwa Serowe se abetse Mme Tebogo Masololo le bana ba gagwe dimpho tsa diaparo tsa gagwe le tsa bana, melora le tse dingwe bosheng.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekolo sa Motetshwane, Rre Ontiretse Kenaope a re go na le mokgatlho wa community service o o tsenelelwang ke batsadi le barutabana ba sekolo, ke mokgatho o o thusang bana, bagolo, batsadi ga mmogo le go thokomela tikologo tota.

Rre Kenaope o lebogetse tirisanyo mmogo ya batho ba ba tseneletseng mokgatho o, ka go supa gore ke batho ba ba lorato mo bathong e bile ga ba batle go bona mong ka bone a tlhoka sepe ba le teng,o ne a bua ka gore mokgatlho o, o thusa ka fa go kgonafalang ka teng.

O tlhalositse gore setlhogo sa lenaneo leo ke, “ batho ba ba kgathalang e bile ba na la lorato mo bathong”, a re ba kgona go ya go phephefatsa dikgotla, gape ba kgona go rekela bana diaparo tsa sekolo gore ngwana a kgone go tsena sekolo sentle le bana ba bangwe.

Kgosana ya kgotla ya GooTshosa rre Moloki Moepi, o ne a leboga ba sekolo sa Motetshwane gobo ba dirile tiro e ntle fela thata,a re tiro e ga se gore e dirwa ke motho a le nosi fela ,e dirwa ke motho a na le moa wa modimo,se se supa gore sekolo sa Motetshwane se nale lorato mo bathong e bile ba eletsa go bona batho ba nna sentle ka lorato, o ne a kopa gore ba tshwelele ka mowa oo, rre Moepi o kopile batho gore ba rate batho jaaka ba ithata.

E rile a amogela dimpho mme Tebogo Masololo a re o lebogela mokgatho oo go mo abela dimpho ka ke mpho e tona hela thata e bile go tisa boitumelo mo dipelong tsa bone ka go supa gore sechaba se kgatlhala ka ba ba sa kgoneng.BOPA

Source : BOPA

Author : Tshepiso Botshelo

Location : SEROWE

Event : Kabo-dimpho

Date : 25 May 2015