Sekolo se abela bana ba SOS
25 May 2015
Sekolo se se botlana sa Khama Memorial School se abetse bana ba legae la SOS kwa Serowe dimpho tse di farologanyeng tsa madi a a fetang dikete tse nne bosheng.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela bana bao dimpho kgosana ya kgotlana ya goo Tshweu mme Mookodi one a leboga sekolo sa seo go bo ba lemogile go le botlhokwa go abela bana ba SOS dimpho ka go supa gore ba nale lorato e bile ba kgatlhala ka bana, a tlhalosa fa sekolo sa SOS se dirile tiro e ntle hela thata ka go ba fa sebaka go itse gore bana ba nna jang e bile ba tlhoka thuso ya mohuta ofe.
Mme Mookodi a re go abela bana dimpho go supa tisano e e le go tsaya matsapa a bone go gopola bana ba SOS.
Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekolo sa Khama Memorial Rre Motshidisi Segolodi a re legae la SOS le dira tiro e tona thata,e bile bomme ke bone ba ba tshwereng thipa ka fa bogaleng mo tirong ya go tlhokomela bana le gore ba tsena sekolo sentle, Rre Segolodi a re dimpho tse di abelwang bana ke diaparo tsa bana, melora e e tlhapang le e e tlhatswang , ditlhako le tse dingwe, o ne a leboga sekolo sa Khama ka go ntsha dimpho tse di tshwanang diaparo ka di tsile go tlhusa mo pakeng eno ya mariga, le go ba sireletsa mo marigeng.
Motlhokmedi wa bana ba SOS mme Diphetogo Nneelang a re o lebogile sekolo sa Khama thata ka go ba abela dimpho, ka go dira jalo e le tiro ya Modimo, a tlhalosa fa Modimo o itumela go bona batho ba sa lebala bana ba bone, mme Nneelang a re mpho e ke mpho e tona mo matlhong a bone ga mmogo le mo matlhong a Morena. Ends
Source : BOPA
Author : Tshepiso Botshelo
Location : Serowe
Event : Kabo dimpho
Date : 25 May 2015






