Breaking News

Khwaere ya Naswibo e a ipapatsa

25 May 2015

Khwaere ya Naswibo Choral Masunga e rotloeditswe go dira ka natla go ipapatsa gore e tle e bone thotloetso.

Se se builwe ke modiri wa kompone ya Debswana Rre Michael Lekuta kwa bokhutlong jwa mogwanto o o duelelwang o khwaere eo e neng e o tshwere ka Matlhatso. Rre Lekuta a re go ikitsese setshaba ga khwaere eo ke tiro e ntle fela thata ya go dira madi go ikisa pele gore ba kgone go itsamaisa le go ithusa.

O ne a re kgato e ba e tsereng ba ka tsaya e le potlana mme e ka ba fitlhedisa golo kwa ba go yang ka se e le bontlha bongwe jwa go itlhabolola le go itshetsa ka bontsi jwa maloko ba sa kgona go bona mebereko go ka itshetsa.

Rre Lekuta o ne a ba lemotsha ka botlhokwa jwa go kgaratlhela go fitlhelela ditoro tsa bone, a re fa motho a nale toro o tshwanelwa ke go dira ka natla go e diragatsa. O tsweletse a ba kgothatsa go ikemela ka dinao go bona gore sepe se ba ikemiseditseng go se dira se a kgonega.

Fa a latlhela mo go tsa madi o ne bua ka tsa tlhokomelo ya tiriso ya madi le therisano mo tirisong ya madi a mokgatlho, a re ba dire mananeo a a tla ba isang pelee bile ba ipeele dielo tsa gore ngwaga le ngwaga ba dira eng go ya pele mo thurifatsong ya ditoro tsa bone.

Rre Lekuta o ne gape a supa fa dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe ka jalo go le botlhokwa gore khwaere ya bone e inaakanye le tse dingwe go amogana megopolo. Rre Lekuta o ne a tlhalosa fa mo go tse tsotlhe go le botlhokwa gore ba ikaege ka Modimo gore ke ene a ba fe botlhale jwa go gatela pele.

Fa a latlhela ka fa tlhakoreng la batsadi o ne a re khwaere ya Naswi Choral e tlhoka kemo-nokeng ya bone gore e fitlhelele moitlamo a yone go se sepe sekgoreletsi se se ba emang pele kgotsa sa ba faposa mo tseleng. 

Kwa bokhutlong o ne a leboga khwaere a re ba dirile go tlala ka diatla ka ba kgonne go kokoanya P7 190.

Fa a amogela khwaere go tswa kwa mogwantong, mongwe wa dikgosana tsa motse wa Masunga Rre Samson Mpenya o ne a kgothatsa khwaere eo go tswelela ba tshwere ka thata le ka botswapelo go phatshimisa leina la motse wa Masunga.

O ne a ba gwetlha go seke ba nyatsa maiteko ape a ba a dirang go ipapatsa le go ikgodisa. Rre Bawana Stephen e leng mookamedi wa khwaere o ne a kaa fa Naswibo Choral e simolotse go tswa mo kerekeng ya bone ya St. John gone mo motseng wa Masunga.

O kaile fa ba setse ba kile ba gapa dietsele tse dintsi ka moopelo, mme a re ba santse ba solofetse dietsele di le dintsi mo dikgaisanong tsa banana tse di tlang. O ne a supa fa mokgatlho wa bone o dirilwe ka banana ba ba sa berekeng, baithuti ba dikolo tsa ithutelo ditiro, gammogo le babereki ba maphata le makalana a a farologanyeng.

Morutabana kwa motseng wa Jackalas 1 yo gape a leng moeteledipele wa Naswibo Choral kwa motseng oo, RreThatayaone Ngwenya ene o ne a re o itumetse fela thata go bo khwaere ya bone e itshupile gore e teng e a tshela.

Fa a ba eleletsa Masego le matlhogonolo mo dikgaisanong dipe tse ba tlaa di tsenelelang, o ne a gwetlha maloko go dira moopelo oo wa choral karolo e e botlhokwa ya matshelo a bone

Fa a garela modulasetilo wa Naswibo Choral Rre Saul Lebaka o ne a lebogela banni botlhe ba ba supileng thotloetso mo khwaereng a bo a kgothatsa le maloko a khwaere go tswelela ka go itshupa le go tsenya moko nameng ka se ba itshupileng ba le sone mo setshabeng.

A re maikaelelo a bone ke go kgobonyanya madi a go reka paka ya khwaere mme lemme le le salang ba thuse dikolo tse dipotlana tse ba ikatisetsang kwa go tsone e leng sa Masunga le sa Aerodrome se se kwa Francistown ka ditlamelo tse di tlhokegang jaaka tse di phepafatsang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmapula Zikhale

Location : Masunga

Event : Mogwanto

Date : 25 May 2015