Mmamojewa o batla Ipelegeng
25 May 2015
Banni ba masimo a Mmamojewa mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba batla Ipelegeng kwa masimong a bone.
Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolo ya Mantshwabisi bosheng.
Ba supile fa ba tsamaya sekgala se se leele go ya go berekela Ipelegeng kwa Mogonono. Mongwe wa banni ba masimo ao, Mme Rre Kekgalelmetswe Mojose o supile fa bontsi jwa bone ele batho b aba nnang mo masimo ngwaga goya ngwageng.
O kaile fa Ipelegeng ele yone e ba itshetsang ka yone ka go sena ditiro ntle le Ipelegeng kwa Mmamojewa.Rre Mojose o ne a kopa mokhanselara gore a ba kopele terata ya kgaoganyo mahudiso le go hatolola letamo la Mmamojewa.
Rre Nelson Matara ene o ne a kopa gore ba fiwe koloi ya ditonki e e tla isang bana sekolong letsatsi le letsatsi ka ba tsamaya sekgala se se leele go ya sekolong se se botlana sa Mogonono.
One gape a kopa gore ba direlwe fa ba tla tseelang teng ditlamelo tsa botsogo ka ba latela botsogo kgakala. O ne a kopa gape gore ele ba dimausu ba fiwe tshono ya go phakisa batlhoki le masiela ka dimausu tsa bone dina le dithoto tse di ka phakisiwang.
Rre Matara one a lebogela mokhanselara wa bone gobo a iphile matsapa a go ba lekola. Fa a ba kgwa dikgaba mokhanselara Rre Meshack Tshenyego o ne a supa a tla isa dilelo tsa bone kwa go go ba maleba.
O ne a ba kopa gose emele gore a bitse diphuthego tsa dikgotla go la ba ntsha matshwenyego. O ba gakolotse go itshwaraganya le ene ka a ikemiseditse go ba direla.
Mokhanselara Tshenyego one a ba gakolola go se kgobege marapo mme ba tswelele ka mowa wa boipelego o ba tswang kgakala ban a le one. O ne gape a kgotlhatsa banana go tsaya mananeo a puso tsia ka a k aba tlhabolola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego
Date : 25 May 2015






