Tsolamosese e ngongorega ka kabo ditsha
24 May 2015
Baagi ba motse wa Tsolamosese ba ngongoregetse ba lekgotla la Kabo Ditsha la Kweneng la Mogoditshane, ka ba sale ba re ba emisitse go aba ditsha ka ngwaga wa 2009, mme ba tsweletse ka go baya batho bangwe.
Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Mantu Rantutu wa kgotla ya Rantutu gone kwa Tsolamosese, jaaka a ne a amogela baeng kwa phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente Major General Pius Mokgware.
Kgosi o boletse gape fa a tshwenngwa ke gore morafe wa gagwe ga o kgone go tsenya metsi mo malwapeng, ka ntlha ya go sa abelwa ditlankana tsa ditsha, le ntswa ba duetse madi a ba neng ba a lefisitswe morago ga go itshwarelwa ke tautona.
O boletse gore ka ntlha ya se, morafe o patelesega go kgarametsa dikiribane tsa metsi, mme se se botlhoko ke gore dipompo tsa metsi di tharo fela mo motseng.
Erile a araba matshwenyego a bone, mopalamente Major General Pius Mokgware, o ne a tlhalosa fa go sena botsogo jo bo siameng kwa ntle ga metsi, mme tona yoo lebanyeng Rre Kitso Mokaila o tlhalositse fa go na le bothata jo botona jwa metsi le motlakase, jo bo ka se rarabololweng ka bofefo.
O boletse fa e le nnete ba kabo ditsha ba sa amogele dikopo tsa ditsha, mme ba tsweletse ka go baya ditsha, mme a tlhalosa fa ba baya batho ba ba saleng ba kopile ditsha ka ngwaga wa 1993.
O boletse fa go sa le go emisitswe go bewa ditsha ka ngwaga wa 2009, ka ntlha ya gore batho ba masimo ba gana ka one, mabaka a bone e le gore ga ba dumelane le dikatso tse ba di neelwang fa ba gapelwa masimo.
Mopalamente o tlhalositse fa a dumalana le morafe wa gagwe go se dumele dikatso tse ba di neelwang, ka gore le fa ba ntsha masimo a bone bana ba bone ba tshwanelwa ke go leta dingwangwaga ba sa fiwe ditsha, le ntswa batsadi ba bone ba dirile tiro e ntle ya go aba lefatshe la bone.
O tlhalositse gape fa go na le mola o moleele kwa lekgotleng la Mogoditshane, mme dipalo di supa fa o tsamaya kwa go 140-000, a bo a tlhalosa fa a dumela fa mola o o dirwa ke batho ba ba setseng ba na le ditsha kwa Gaborone le mo tikologong. Erile ba tswa la bone banni ba Tsolamosese ba supa fa go na le dikereke tse dintsi thata mo motseng wa bone, dingwe di lala di letsa dikatara bosigo mme di kgoreletsa bana ba bone go ithuta.
Bangwe ba supile fa dikereke dingwe di tsenela mo molapong, mme go sena matlwana a boitiketso, mme ba ipotsa gore ba arabela tlholego kae.
Bangwe ba supile fa ba setse ba duetse madi a ba a lefisitsweng ka ntlha ya go ipaafela, mme ba ise ba bewe ditsha tsa bone semmuso, se se bo se ba kgoreletsa go dira ditlhabololo tse di lolameng mo ditsheng tsa bone.
Le fa go ntse jalo ba lekgotla la Kabo Ditsha ba ne ba seyo mo phuthegong eo go araba dilelo tsa banni. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ramotswa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 May 2015






