Mmatli a re banana ba tshwanetse ba thusiwa
25 May 2015
Mopalamente wa Kweneng borwa Dr.Tlamelo Mmatli a re ga aitumedisiwe ke go sanneng teng ga maphata a puso mo diphuthegong tsa Kgotla bogolo jang Ofisi ya banana gotla go arabela dikgang tse di amang banana,lentswa bana le mokwalo o supang diphuthego mo kgaolong ya gagwe.
Rre Mmatli yo a neng a bua mo diphuthegong tsa Kgotla kwa Goo Ntloedibe le Ramakgatlenyane maabane are gona le dikgang tse di tshwenyang tsa banana ka mananeo a ntshitsweng ke puso a banana a go itirela dikgwebo go itshetsa tse di tlhokang go tlhalosiwa botoka ke bodiredi.
Mo go tse dingwe mopalamente one alekodisa batho mo diphuthegong tseo fa bodiredi ja kokelo ya Scottish Livingstone mo Molepolole bo tlhomamisitse fa batla rarabolola mangwe a matshwenyago a bone a jaaka go tlhaela ga dikobo mo balwetseng ba barobaditsweng mo kokelong,metsi a bolelo le tse dingwe morago ga a dilelo tsa bone mo diphuthegong tse di fetileng .
Are bodiredi ja kokelo bosolofeditse gore e tlare ka kgwedi ya phukwi monongwaga balwetse b aba robaditsweng batla bona metsi a bothitho.Are mathata a santseng a saletse morago ke a tlhaelo ya melemo bogolo jang ya madi a matona high blood.
Lefa gontse jalo mopalamente o rile ere lentswa puso edira maiteko a go neela Batswana ditiro dingwe sebe sa phiri ke gore ga ba dire mo go lekaneng .
Mo di kgakgelong tsa bone banni ba Goo Ntoedibe ba kopile gore ba agelwe kokelwana ka jaana kgaolo ya bone ele tona .Ba ngongoregile gape ka letlhoko la metsi ,le dituelo tse di kwa godimo lentswa dipompo tsa bone di santshe metsi.
Bangongoregile gape ka metsi a tshologang gongwe le ngongwe a jaanong a setseng a okile leruo go hudugela mo motseng, ba tlhalosa fa ba koporase ya metsi ba seke ba tsiboga le fa ba kuelwa metsi ao
Banni ba Ramakgatlenyane bone ba ngongoregile ka batho ba ba apayang a majalwa a sa siamelang botsogo ja batho ,le gore bangwe ba baapei ba majalwa ao ga bana matlwana a boitiketso .
Fa akgela ka majalwa,mopalamente Mmatli o kopile baapei ba majalwa ao gore lefa ba batla goitshetsa banne pelo tlhomogi le matshelo a batho ka jaana majalwa a mangwe a sa siamela botsogo ja batho,a ba a ba kopa le go obamela molao wa thekiso ya bojalwa.
Mopalamente o bile a kgola batho ba motse oo,a re mowa wa boithaopo le goitirela ke dilo tse di amogelesegang jaaka banni bane bantsha mogopolo wa go senka tanka e ba ka tshelelwang metsi mo go yone ka jaana go sena kwa banwang teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 May 2015






