Dinonyane di tlhoka tshireletso
24 May 2015
Go bolelwa fa dinonyane fela jaaka diphologolo tsa naga di na le boleng mo go godiseng itsholelo ya lefatshe leno.
E rile a buisa makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba mo phuthegong ya khansele kwa Masunga kgwedi eno e le masome a mabedi le motso, mogolwane mongwe go tswa kwa lekalaneng la Birdlife Botswana, Rre Motshereganyi Kootsositse o ne a re bojanala jwa dinonyane fa bo ka tsewa tsia, bo ka tsenya madi a a seng kana ka sepe mo lefatsheng leno.
Rre Kootsositse a re mme go a tshwenya ka jaana go lebega mo lefatsheng leno, seo se santse se tlodisiwa matlho, ka jalo a gwetlha makhanselara go rotloetsa setshaba go somarela dinonyane ka gotlhe mo ba ka go kgonang.
A re Batswana ba tshwanetse ba tshwaraganela dikgang tsa tshomarelo dinonyane gore lefatshe leno le kgone go di nwa moro mabapi le go oka bojanala, le gone gore dikokomane tse di tlang kwa morago di di fitlhele mme le bone ba di sole molemo.
Gape a re e re lentswa mo malobeng bangwe ba ne ba dirisa dinonyane go lepa dilo dingwe tsa tlholego, fela go lebega batho ba setse ba itlhokomolosa botlhokwa jwa dinonyane.
A re go a tshwenya ka jaana ditshekatsheko tsa bone di supa fa go na le khudugo e e seng kana ka sepe ya dinonyane di ya kwa mafatsheng a sele.
Rre Kootsositse o tsweletse a tlhalosa fa e le ba Birdlife Botswana le makgotla a mafatshe a mangwe a dinonyane ba tshwentswe gape ke go swa ga dinonyane ka dipalo tse di kwa godimo, bogolo jang go lebeletswe dinonyane di tshwana le manong.
O tlhalositse fa le mo lefatsheng leno, manong a swa ka dipalo tse di tshwenyang, a re mme fa kgang eo e sa tsibogelwe, lefatshe leno le tla lelela kgama le mogogoro, manong a setse a fedile.
A re sengwe se se tshwenyang se se bakang gore manong a swe ka dipalo tse di kwa godimo, ke tiriso ya ditshefi.
Rre Kootsositse a re batho bangwe ba na le mokgwa wa go bolaya diphologolo dingwe tsa naga jaaka ditau ka tiriso ya ditshefi, fa di ba tlhorontsha mo leruong la bone mme manong a bo a tla a ja nama eo, go bo go ile fela jalo ka one.
A re go botlhokwa gore Batswana ba seka ba letlelela manong go nyelela mo lefatsheng leno, a kaya fa go na le mafatshe mangwe a go senang manong teng, mme batho ba one ba tla mono go tla go a bogela, e le bontlha bongwe jwa bojanala jwa dinonyane.
O boletse gore ka jalo go ka nna molemo fa Batswana ba ka emisa tiriso ya ditshefi, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba seka ba lebelela manong ka leitlho le sele mme ba itse fa e le nonyane e e botlhokwa.
Gape o ne a bo a lekodisa makhanselara ka lekalana leo la Birdlife Botswana, a re ke lekalana le le ikemetseng ka nosi.
A le tlhamilwe ka ngwaga wa 1980 ka maikaelelo a go baya leitlho tse di amanang le dinonyane ka go farologana, go akarediwa go dira ditshekatsheko ka botshelo jwa tsone le palo ya tsone mo lefatsheng leno.
Rre Kootsositse a re tshekatsheko le dipalo di botlhokwa ka jaana di thusa go tsibosa dikokomane ka dipalo tsa dinonyane go ya ka go tlhatlologana ga dingwaga, le gore khudugo ya tsone e ka tswa e bakwa ke eng.
Mo go la gagwe, mokhanselara yo o itlhophetsweng ke tona, Rre Jenamiso Jerry o ne a re go botlhokwa gore ba lephata la diphologolo le makgabisa naga ba nne ba tsibogela dipego tse ba di begelwang fa phologolo nngwe e sule, a re seo se tla itsa gore manong a le mmalwa a felele a jele nama ya phologolo ya go nna jalo.
Fa a leboga mo boemong jwa makhanselara ka ene, mokhanselara wa Zwenshambe, Rre Elliot Jonathan o ne a lebogela ba Birdlife Botswana go bo ba ne ba ipha matsapa a go tla go amogana le bone ka botshelo le botlhokwa jwa dinonyane mo itsholelong ya lefatshe.
Ka jalo, mokhanselara Jonathan o ne a gwetlha makhanselara go ya go gasa efangele eo kwa dikgaolwaneng tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Phuthego ya khansele
Date : 24 May 2015






