Breaking News

Ntshang thuto ya boleng kwa dikolong

24 May 2015

Mogolwane wa boipelego mo kgaolong potlana ya Bobirwa Rre Gabobofane Mbwe a re dikolo tsa bananyana (Day care centre) di tshwanetse tsa nna le dithuto tsa boleng,go rutuntsha bana ba dingwaga tse pedi le sephato go tsena kwa go tse thano.

Rre Mbwe o buile seo kwa thuto puisanong ya baakomedi ba dikolo tse di mo dikgaolong Bobonong,Mmadinare le Sefhophe ka Laboraro (Motsheganong 20).

A supa fa bontsi ja batsadi ba bereka,mme ba bona go le botlhokwa go tlogela bana kwa dikolong tse di ikemetseng,mme batsadi ga ba a tshwanelwa go latlhegelwa ke tshepho.

Mogolwane wa ba boipelego wa kgaolo ya Bobirwa Mme Itumeleng Lebani a bua ka maikaelelo a thuto puisano eo a re ba tsile go buisana gotswa ka metlhale ya kgodiso ya ngwana kwa malwapeng ,le gotla ka metlhale e mesha le go fana maele ka go nonotsha kgodiso ya ngwana ,e le ba dikolo tsa Bananyana ka setshaba sena letsholofelo e tona.

Mokgang enngwe o ne a supa fa go thamilwe batho ba ba sekasekang molao wa ngwaga wa 2001 ka golebega o siilwe ke nako ,o tlhokana le go bakanngwa go itepatepanya le paka e no.

O tlhalositsi fa gole botlhokwa gore bananyana basugiwe ditlhaloganyo bale ba botlana,pele baya dikolong tse dipotlana.

O boletse fa bana ba baisiwang kwa dikolong tsa Day care centre ba kgaoganngwe ka ditlhopha bogolo jang ba dingwaga tse pedi le sephato barutelwe golo golegongwe fa ba ngwaga tse nne bale esi ka ga ba lekane ka ditlhaloganyo.

Ntlha e nngwe ke gore gomo maruding a batsadi go ba isa kwa dikolong tse disa duelweng,kana tse di ikemetseng,a tswelela a tlhalosa fa dikolo tsa bananyana di bo di tshwana,ka tsamaiso go sa kgathalesege gore bamo lefelong lefe kana mo lefatshe ka bophara,  fa sekai a ko Robelela,Paje le a mangwe.

A re ka jalo ke go tlokafatsa thuto ya lefatshe leno.a re gona le melawana e letlang gore Day care cetre e nne le bana bale 45 ka palo le gore tikolo e siametse goka pheka dikoloi fa ditsisa bana ,le bana batshamekelang teng go bolegile.

O ne a tlhalosa tiriso ya lefatshe ba duela P100.00,mme fa ba ntshafatsa Lacens ke P10.00

Ntha enngwe ke gosupa gore sekolo seo setsamaisiwa jang,mme tsotlhe di bonwa mo Lacens ye o efilweng ke khansele e bewa fa e tla bonalang e sanne kwa malapeng.

Lepodise la khansele(Bye Law) Rre Douglas Segakisi a re go dira basena tletla batla atlholwa le gosa sale molao morago,batswala sekolo,gape gaba letlele goga motsoko mo lefelong.a re dinako tsa go bulwa ke nako ya bosupa mo mosong gotsena ka naka ya boraro mo tshokologong.a tlatsa ka gore ka Matlhatso le Sontaga ga go bulwe .

O ne a tlhalosa fa badira molato lantlha baduela P100.00 le kgolegelo ya kgwedi,fa batswelela ba atlholwa P200.00 le kgolegelo ya kgwedi tse tharo.

Rre Mooketsi sebina a tlhalosa fa o itlhokomolosa ngwana baka atlholwa P10.000.

A re se sebotlhokwa ke gore ngwana a nne le setlankana sa matsalo,le gosupegetsa bana bosula le molemo e le tsela ya go aga ngwana.

O boletse fa gona le batsadi ba basa kgonneng goisa bana bone kwa Day care centre bakeng la intsholelo.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Kgomotso Mmereki a ba rotloetsa gotsaya dikolo tsa bone ka tlhwaafalo.

A re se se botlhokwa ke gotla ka thuto ya seemo se se kwa godimo e ne le boleng,a tlhalosa fa moditshekatshekong tsa ngwaga wa 1999 ke gotlokafatsa,le tlhokomelo ya seemo se se kwa godimo e le bontlha ja golepalepana le thuto ya gompieno.

O boletse fa boikarabelo ja kgodiso ngwana e le mogo bone,le gore ngwana a dire botoka a bo a fitile ka dikolo tsa Day care centre,a fa sekai ka dikolo kgaolo ya Orapa ditsaya maemo a kwa godimo,kgang ke gore ba dirile thulaganyo ya gore ga ditseye ban aba basa fetang ka di Day care centre.

A re ditlhametse Batswana ditiro,le tsone dipalo ditshwana Tax le dikhombi bananyanan batlaa kgotla nna le sebaka sa goisiwa kwa mafelong a farologaneng a dikolo tseo.

Batsena thuto puisano eo baakgala ba batla goitsi gore fa bana le sekolo sa Day care centre mo lefelong le lengwe,baka dirisa leina le lengwe mo mafelong a afarologaneng.

Bane ba supa dikgwetlho tse bakopanang letsone jaaka ngwana a saletswe ke dikgwedi tse pedi go ya sekolong se se botlana,ba mogana bare dingwaga gadia wela,kwa bofelong gopatiki gomo tsaya e le ba dikolo tsa Day care centre.

Ntlha engwe bare kgwetlho e e tona ke bana le bogole,bafelela bafitisa palo e batshwanetseng go amogela.

E ne yare baakgela ka go kgaoganya lefelo la boapelo bogolo jang le le dirisang mahura ,bare thuto eo e tshwanetse ya isiwa kwa dikolong tse dipotlana le tse dikgolwane lekwa dikokelong.

E ne yare Bagolwane ba tsa botsogo Rre Matshidiso Johane le Rre Gobe Jori batlhalosa dijo tsedi aging mmele bare ke dijo tse ba dijang dibaneela dikota mo mmeleng. Ba ne basupa fa dikgaogantswe ka ditlhopha dile tlhano,dingwe tsa tsone ke tse di dfirilweng ka seako.

Basupa gore gase gore fa ore o jele ,o jele bontsing,se sebotlhokwa ke go kabakanya dijo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : Bobonong

Event : Thuto puisano

Date : 24 May 2015