Breaking News

Dipaakanyo tsa peo ya Kgosi di tsweletse

24 May 2015

Morafe wa motse wa Tshesebe o tshwere ka natla go baakanyetsa peo ya kgosi ya motse oo Kgosi Motlotlegi Kachana, e e rulaganyeditsweng go tshwarwa kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le bosupa.

Go ya ka modulasetilo wa komiti e e gogang kwa tlhogong dipaakanyo tsa tiro eo Rre Semonda Masole, ipaakanyo e tsweletse sentle mo e bileng ba setse ba kgonne go bona sephatlo sa madi a dikete tsa dipula di le masome a matlhano a ba dumelang fa e le one ba tlaa a tlhokang go dira tiro eo.

Rre Masole o tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa a itumelela ka fa dilo di tsamayang ka teng, mme le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego ka go salela morago ga bana ba motse wa Tshesebe ba ba direlang kwa ntle ga motse oo.

A re maiteko a bone a go ngoka bana bao go tsenya letsogo ga a atlega go le kalo ka e le ba sekae fela ba tsibogetseng kopo ya komiti ya gore ba latlhele sepenyana mo letloleng la tiro ya peo ya Kgosi. 

Moanamisa mafoko wa komiti Rre Dennis William le ene o ne a supa fa ba tsweletse sentle ka dipaakanyo.

A re dikgotlana tsa motse oo di ne tsa kgaoganngwa ditiro mme mo nakong eno go itumedisa go bona fa tsotlhe di tsentse moko mo nameng go bona gore di fitlhelela dithomo tsa tsone.

Rre William o gape o ne a phophotha legetla banana ba motse oo, a tlhalosa fa ba tsentse letsogo mo dipaakanyong ka tsela e e tlhapisang pelo.O ne a boa a lebogela dikomiti tsa motse, segolo jang ya ditlhabololo tsa motse thotloetso e ba e fang komiti ya peo ya Kgosi.

A re go kitlana le go goga mmogo ga dikomiti ka go farologanya go tlaa tlhofofatsa tiro mme go dire gore go bewa ga ga Kgosi Kachana mo setilong go atlege fela thata. Kgosi Kachana o tsaya setilo sa bogosi jwa motse wa Tshesebe morago ga loso lwa ga rangwanaagwe, Kgosi Kedifentse Kachana yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 2013.

Kgosi Kedifentse ene o ne a tshwareletse bogosi jwa motse oo go tloga ka 2001 fa Kgosi Matsapa Kachana a sena go tlhokafala ka ngwaga wa 1999. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Tshesebe

Event : Potsolotso

Date : 24 May 2015