Ba rotloediwa go tshwaraganela ditlhabololo
21 May 2015
Lekoko le le ithaopileng go tsamaya le ditoropo le metse ka mabaka a go phutha megopolo mo banning ba Maunatlala ba ba direlang mo mafelong a a farologanyeng, le ne le ile go phutha megopolo kwa moepng wa Orapa ka Laboraro (Motsheganong).
Lekoko leo le le eteletsweng pele ke mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, ba ne ba lekodisa banni ba Maunatlala ba ba nnang kwa Toropong ya Orapa ka ditlhabololo tsa motse wa bone le tse di saletseng kwa morago.
Mo go tse di kgonegileng, ba re ke tse di jaaka go agiwa le go bulwa ga motlobo wa dibuka,kagelelo ya masimo e e kopanetsweng,paakanyo ya tsamaiso ya khiro ya ipelegeng le tse dingwe. Le fa go ntse jalo,ba re go tla tlhokana le tshwaragano ya banni ba Maunatlala gore ditlhabololo tsa go nna jalo di kgone go ba sologela molemo.
Ba tsweletse ba re le fa puso e kgonne go tsisa ditlhabololo dingwe mo motseng wa bone fela nnete ke gore ba lebanwe ke dikgwetlho tse dikgolo tse di tlhokanang le go tsibogelwa. Ba re motse wa Maunatlala o na tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, letlhoko la motlakase mo diofising tsa kgotla tse e bile di tlhaelelwang ke bodiredi.
Sengwe se gape ba buileng ka ga sone ke tlhaelo ya dipagamo tsa badirelapuso. Mokhanselara wa Maunatlala ,mme Salome Lesole, a re maikaelelo a lekoko la bone ke go rotloetsa banana ba Maunatlala go tsenya letsogo mo mererong ya ditlhabololo tsa motse wa bone,ka seo se ka ba thusa go tsoga ba ipelafatsa ka ditlhabololo tsa motse wa bone.
Ka ntlha ya gore ditlhabololo di tlhaka tshwaragano ya batho ,o kopile banni ba Maunatlala go tshwaragana ba bo ba tsosolose mokgatlho o o kileng wa bo o le teng o bidiwa Tlhabologo Movement .A kopa gape gore ba ikgaphe mo lefufeng la selegae le a reng le kgoreletsa ditlhabololo.
O tsweletse a re ba ya go tswelela ba tshwara bokopano jwa go nna jaana kwa mafelong ka go farologana ,ka gore banni ba ba direlang kwa mafelong a mangwe ba a bo ba seyo fa go bidiwa diphuthego tsa kgotla.
Banni ba Maunatlala ba ba direlang kwa moepong wa Orapa ba itumeletse lekoko leo go bo le iphile matsapa a go tsamaya le kopa megopolo ka fa ba ka tlhabololang motse wa bone ka teng.
Ba re seo ke sesupo sa gore bogogi jwa motse bo kgatlhegela go amogana maano a ditlhabololo le bone, ka e bile ga twe kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Ba supile mo bokopanong joo gore ba tla simolola go nna le seabe mo mererong ya ditlhabololo tsa motse wa bone e bile ba tla leka go kokoanya madi a a tlaa thusang mo ditlhabololong
.
Ba re bokopano jo bo ba thusitse gore ba itsane ka jaana ba ntse ba nna mo Orapa ba sa itsane gore ke batho ba motse o le mongwe.
Lekoko le o le akaretsa mokhanselara wa Maunatlala ,Mothusa modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Maunatlala Rre Gobusamang Kobe,modulasitilo wa komiti ya ditshupo Tswapong Patrick Tseleng le moanamisa mafoko wa komiti ya dithupo rre Bonang Mafoko. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Phuthego
Date : 21 May 2015






