Breaking News

Mosinyi o akgola molemisi

21 May 2015

Kgosi Tommy Mosinyi wa Bokaa o akgoletse molemisi, Mme Vivien Seele, tiro e ntle e a e dirang.

Kgosi Mosinyi o boletse seo kwa letsatsing la balemi ba Bokaa kwa masimong a Magotlhoadisa bosheng a supa fa molemisi wa bone a bereka le bone sentle a tlhalosa fa le fa gone dipula di le boutsana ba bona thobo e e nametseng ka ntlha ya thotloetso ya gagwe.

O tsweletse a supa fa letsatsi leo le le mosola thata ka balemi ba bo ba tsile go supa tse ba di lemileng le gone go neelana maele ka temo.

Kgosi Mosinyi o ne a leboga balemi ba metse e mengwe ba ba neng ba tsile ko letsatsing leo a re seo se supa tirisanyo mmogo mme o ne a ba rotloetsa go tswelela ka mowa oo wa thotloetso a tlatsa ka gore go tla ga bone kwa letsatsing leo ke go supa gore ba rotloetsa balemi ba Bokaa.

E ne ya re fa a tswa la gagwe modulasetilo wa balemi ba Bokaa Rre Samuel Machailo o ne a supa fa e le ngwaga wa boraro ba ntse ba ipelela letsatsi la balemi e le tsela ya go tsosolosa temo le go tla go itshekatsheka gore ba tokafatse temo fa kae.

O boletse fa ba tsweletse sentle mo temong le fa ntswa pula e ne e le boutsana a tlatsa ka gore mme seo ga sena go ba busetsa ko morago. Rre Machailo a re ba kopana le dikgwetlho tse dintsi fa ba ntse ba lema a tlhalosa fa dingwe tsa tsone e le mhero le dikgomo tse di ba jelang mo masimong.

O buile a sa kgwe mathe ka dikgomo tseo a supa fa di ba busetsa ko morago a tlhalosa fa e le nako ya gore beng ba tsone ba tseelwe dikgato tse di gagametseng . Le fa go ntse jalo o ne a gwetlha balemi gore ba fetole ka fa ba lemang ka teng le tsone tse ba di lemang mo masimong.

A re ba ntse ba remeletse mo go lemeng mmidi mme ga o na dipuelo tse di nametsang a supa fa maikaelelo a bone mo ngwageng ono le o o tlang ba tsile go lema dijo tse di farologaneng.

O ne a bolela fa mo kgaolong ya Mmamashia le Bokaa batho ba batla dijo tsa dikgomo mme o ne a rotloetsa balemi go bona gore ba lema dijo tseo a kaya fa seo se tsile go ba tsenyetsa madi .

O ne a supa matshwenyego ka go tlhoka ditsela tse di yang mo masimong le tse dingwe tse ba ntse ba di dirisang tse di tswetsweng ke go bewa ga masimo mo mafelong mangwe.
Modulasetilo o ne a kopa mogolwane wa kabo ditsha gore ba sekaseke kgang eo ya peo ya masimo gore batho ba seka ba tswala ditsela tse ba tsamayang mo go tsone.

Ka kgang ya ditsela tse di sa siamang o ne a supa fa a sale a dira kopo eo ka ngwaga wa 2013 le 2014 mme nako kgolo ke eno. Kwa bofelong Rre Machailo o ne a gwetlha balemi go ema ka dinao go tsaya temo ka tlhoafalo a tlatsa ka gore fa ngwaga e le o monamagadi dipula di nele temo e tsile go ba jesa.

Fa a tshwaela Rre Jezer Rampa go tswa ko komponeng ya Agric sales e e itebagantseng le go rekisa diterekere,menontshane le dipeo o ne a supa fa kompone ya bone e itshwaragantse le goromente go rekisetsa balemi tsotlhe tse ba ditlhokang tsa temo.

A re kompone eo, e e ko Mmamashia e simologile ngwaga tse nne tse di fetileng morago ga gore ba lemoge fa didirisiwa tsa temo go sena ko balemi ba di rekang teng .

Mme o ne a kopa balemi go dirisa mananeo a puso a a teng gore ba kgone go thusiwa a tlhalosa fa molemi a batla go reka terekere go na le bontlha bongwe jo goromente a mo thusang ka jone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Magotlhoadisa

Event : Letsatsi la balemi

Date : 21 May 2015