Breaking News

Ngwao le bojanala ke di ya thoteng

21 May 2015

Batswana ba rotloeditswe go tshegetsa le go dibela ngwao ya Setswana ka e le pilara ya Bojanala.

Fa a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng,mogolwane mo lephateng la banana,metshameko le ngwao,Mme Malebogo Mosala o boletse fa bajanala ba tla mo lefatsheng leno go bona ngwao ya Batswana ka jalo ngwao e tshwanetse go tshegediwa gore e seka ya nyelela.

Mme Mosala are go utlwisa botlhoko gore e re le ntswa ngwao e le botlhokwa thata mo go godiseng itsholelo ya lefatshe leno ka Bojanala gape ele nngwe ya dilo tse di godisang ebile di rotloetsa Bojanala, Batswana bangwe ba bo ba santse ba tlhabiwa ke ditlhong go diragatsa ngwao ya bone.

A re go tlhoka go diragatsa ngwao go baya kgolo ya Bojanala mo lefatsheng leno ka fa mosing.

Mme Mosala o gwetlhile Batswana go ruta bana ngwao ya bone gore e seka ya nyelela.

“Bana ba gompieno ga ba itse le faele sepe ka ngwao, ba sia le dingwao tsa mafatshe a sele.Bana ba gompieno ba tlotlile thata puo ya sekgoa ga ba na kgatlhego mo puong ya rona e e humileng ya Setswana.Go mo maruding a rona re le batsadi gore re sokolole bana ba rona mo dingwaong tsa mafatshe a sele tse ba di kopang tse mme re ba busetse mo ngwaong ya rona ya motia ya Setswana,”a tlatsa.

Mme Mosala one gape a gakolola gore go kwalwe go bo go gatisiwe dibuka tse di itebagantseng le ngwao ya Setswana, are seo se tlaa dira gore dikokomana tsa lefatshe leno di fitlhele dibuka tsa go nna jalo fa di tsholwa mme di kgone go ipalela ka ngwao ya popota ya Setswana.

O tsweletse ka go gakolola gore mafelo a a faphegileng a ngwao a tshwanetse go sirelediwa le go tlhokomelwa gore a seka a senyega mme a tloga a nyelelela ruri.

A re go botlhokwa gape gore go dirwe dipatlisiso tse di tseneletseng mme go duwe ka megopolo ya gore tota ngwao e ka tlotlomadiwa jang le gore ditiro dingwe tsa ngwao tse di itebagantseng le go agisanya kgotsa go letlanya batho jaaka patlo,bogadi le manyalo a Setswana ga di fetolwe mo go feteletseng ke dikeletso le dinako tse di fetogang kgapetsa kgapetsa.

Mma Mosala o gakolotse gape gore ka puo ya Setswana e gomagomediwa ke go nyelela, ebile gape go nale dipuo tse di farologaneng mo Botswana dipuo tseo tshotlhe di tsewe ka tekatekano, di rotloediwe ka go lekana gape Batswana ba rotloediwe go tlotla le go amogela dipuo tsa ba bangwe, a re seo se tlaa baka kutlwano fa gare ga Batswana gape go tlaa dira gore ba nne le seabe se se utlwalang mo go tsholetseng le go rekisa ngwao ya bone.

Mme Mosala o ne a akgola banana a re ba na le seabe se sentsi mo go tlhabololeng le go tlotlomatsa ngwao bogolo jang mo letlhakoreng la bodiragatsi.A re ba dira Botswana motlotlo ka mmino wa Setswana,mmino wa dinnoto, dikhwaere, poko, le tse dingwe.

O boletse fa lephata la Banana,metshameko le ngwao le dirisa madi a a fetang didikadike tse thataro go thusa baikopedi ba banana go tla ka megopolo e e itebagantseng le go tlotlomatsa ngwao le go tsenya megopolo ya go nna jalo mo tirisong lefatshe la Botswana ka bophara. 

O ba gwetlhile go tsweledisa mowa oo a re fa ba ka o tshegetsa Botswana ga e kitla e nna tshaba e e latlhegileng, e e senang ngwao mme mhapha wa Bojanala o tla gola mo lefatsheng leno.BOKHUTLO 

 

Source : BOPA

Author : Malebogo Manene

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 21 May 2015