Breaking News

Ga ba kgatlhegele mananeo

21 May 2015

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso o supile fa a sa itumelele go sa diriseng mananaeo a nyeletso lehuma ke banni ba motse wa Kweneng, mo go ka ba thusang go itshetsa.

Tona yo e bile e le mopalamente wa Mahalapye botlhaba, o supile se fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa motsaneng wa Kweneng mo kgaolong ya Kweneng-Botlhaba.

O itemogetse fa banni ba Kweneng basa dirise mananeo morago gago lemoga fa dipalo tsa baba thusitsweng ka mananeo di le ko tlase, ebile le mananeo a mangwe go lebega asa kgatlhegelwe.

O ne a bolela fa maikaelelo a puso ele go leka bojotlhe ja go ntsha batho ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo kwa morago, jalo a kopa sechaba go dirisanya le puso ka go iketleeletsa go tsaya mananeo.

Mme Tshireletso o ne a gakolola sechaba gore ba batlisise bokgoni ja bone abo ba kope puso goba thusa go itlhamelo dikgwebo battle ba kgone go itshetsha. 

O gakolotse Sechaba go emisa go ipolelela fa ele batlhoki ka baabo bana le bokgoni ja go ka itirela, are motlhoki ke motho yoo sa kgoneng go itirela sepe gotlhelele, aa fa sekai ka baba nang le bogole.

Nngwe ya mananeo a gone go supagala fa banni ba Kweneng ba a ikopetse ka bontsi mme go lebega basa kgone go atlega, ke lenaneo la dipodi, le tona Tshireletso ane a tlhasosa gore, jaaka gotwe dipodi di thata go bonala mo motseng wa bone jaana, puso e itlamile go thusa ka go di batla kwa metseng ee mabapi babo ba di tlisediwa, are banni ba seka ba itshwenyega ka gore baa di ipatlela.

Tona o gakolotse banni gape gore ga go supe maikarabelo gore motho a fiwe lenaneo gotwe a itshetse abo a le kgathologa.

Mangwe a mananeo a ne tona a supa fa asa dirwe mme a ka kgonega ko kgaolong ya Kweneng, ke la go suga matlalo, go lema lab-lab, go sega bojang , go rua mebutla le go bopa dikngwana, tse tsotlhe di ka busetsang mogwebi, ka otlaa bo adi rekisa.

E rile a fa tekodiso ka tswelelopele ya komiti ya tlhabololo magae,modulasetilo mme Obusitswe Khama a supa fa kwa sekolong sa bone sese botlana, go simolotswe dithuto tsa bana baba kwa tlase baba iseng ba e go bala lekwalo la ntlha, (pre-school).

O Tlhalositse fa thulaganyo e e simolodisitswe ke mongwe wa banana mo motseng yoo tswang go ithutuntshong yago ruta bana baba kwa tlase.

Mo lenaneong la go boela sekolong, go supilwe fa bana ba robabobedi ele bone ba thusitsweng . O tshwaetse gape fa bana le bana baba kgonneng go fetela kwa dikolong tsa ithutelo tiro, jaaka GIPS le ABM.

Mongwe wa banana mo motseng Beauty Ramosweuo supile fa banana ka bontsi mo motseng wa bone baba feditseng mophato wa boraro le botlhano, basa neelwa ditlankana tsa sekolo ke bagokgo ba dikolo tse ba feditseng kogo bone, a tlhalosa fa se seba kganela goka ikopela diphatlha go atolosa dithuto ba ikoketsa, kgotsa go batla mebereko.

E rile a tshwaela mogo tsa thuto, mogolwane mo lephateng la thuto mo Kweneng Mme Rosalinda Serumola, a tlhalosa fa go sena ngwana ope yoo tshwanetseng gosa neelwa setlankana ka mabaka a go tlhoka go duela dibuka tse di latlhileng tsa sekolo.

O suplie gape fa batsadi ba tshwanetse go netefatsa gore ba busetsa bana ba bone sekolong fa bane ba eme mo tseleng ka mabaka a tshwana le a boimana, a supa a itemogetse fa batsadi basa dire jalo.

Mme Serumola o gakolotse gape gore banana ba ka ikgolaganya le go ikoketsa kgotsa ba atolosa dithuto tsa bone kwa BOCODOL. Tona Tshireletso one a kopa batsadi go lemotsha bana botlhokwa ja thuto, a tshwaela gore, mo lenaneong la lefatshe la go thusa bana ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo go tsweledisa dithuto 

(Affirmative action), bale makgolo aka tshwara borobabobedi ba kgonne go fetela ko dikolong tsa ithutelo ditiro.

O supile fa baba fetetseng ko dikolong tse dikgolwane tsa tiro ya diatla bone ba tshwara makgolo a matlhano. Tona o tlhalositse gape fa bana ba ba fiwa tshono yago fetela ko dikolong tse ka maduo a mophato wa botlhano a magare ga 28 points le 32 points. 

Tona Tshireletso o kopile banni ba Kweneng go emisa go rekisa ditsha tsa bone le masimo are ke go rontsha bana ba bone boswa jo bo tlhwatlhwa e Kgolo. O ne a laela modiredi wa tsa tokafatsa matshelo a batho rre Setlhomo Rankwae, go golagana le ba lephata la kabo ditsha go hema thekiso ya ditsha le ditshimo.

O laetse banni fa matswheneygo le dikopo tsa bone di utlwetse batla leka go di diragatsa, a kopa bodiredi go dirisanya le banni sentle, a kopa Sechaba go utlwelana botlhoko bogolo jang baba sa kgoneng go itirela le bana le bogole.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thandie Keitumetse

Location : KWENENG

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 21 May 2015