Banana ba rotloediwa go simolodisa dikgwebo
21 May 2015
Banana ba Area W mo kgotleng ya Itekeng mo Francistown ba rotloeditswe go tla ka metlhale e mesha ya dikgwebo.
Se se builwe ke Mmabanana wa Francistown Mme Moshabi Matshidiso kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Francistown Botlhaba Rre Buti Billy bosheng.
O rotloeditse banana bao go tsena mo dikgwebong tse di sha, a tlatsa ka gore ba lemogile gore banana ba dira dikgwebo di le dingwe fela.
Mme Matshidiso a re se se dira gore dikgwebo tsa bone di seka tsa tswelela, mme dingwe di felela di phutlhame ntateng ya letlhoko le le kwa godimo la ko ba ka rekisang teng.
O tsweletse a re go na le lenaneo la go tlhamela Batswana mebereko, mme ka go dira dikgwebo tsa go tlhapa batho, a tlatsa ka gore banana ba le bantsi ba tswela madi ao a P450 000 pelo.
A re madi ao a fiwa dikgwebo tse di maleba ebile di supile fa di ka kgona go dira tiro ya go nna jalo. Mme Matshidiso o tlhalositse fa lenaneo leo le le teng mo go lephateng la Banana Metshameko le Ngwao, mme difomo tsa teng di isiwa fela kwa Gaborone.
O tlhalositse fa madi ao a se motlhofo go ka fiwa banana, le fa go ntse jalo a fiwa bao ba ba dirang dikgwebo tse disha mo mmarakeng di tshwana le go roka dikipara, go fa meepo ditlamelo le tse dingwe.
Gape o ntshitse matshwenyego a go re banana ga ba tsenelele diphuthego fa ba bidiwa go tla go utlwa ka mananeo a a ba amang, gammogo le go tsaya maele mo balekaneng ba bone a go simolola kgwebo kgotsa go e godisa.
Le fa go ntse jalo, Modulasetilo wa kgotla ya Itekeng ya Ditlhabololo Rre Wililani Nteba o ne a lela ka ofisi ya ga Mopalamente a re e thusa e kgetholola.
Rre Nteba a re go na le kgethololo mo setshabeng ka magolegwa a pele, mme o kopile puso go tsenya leitlho mo kgang eo.
A re batho fa ba le kwa kgolegelong ba rutwa ditiro gore e re ba boela mo setshabeng ba bo ba na le tebelo pele ya go itirela ka matsogo go itshetsa. O kopile banana go sa nyema mooko mme fa ba tlhoka thuso ba kopane le ene.
Fa a araba mangwe matshwenyego a bone, Rre Billy o tlhalositse fa dikgang dingwe di tshwanela ke go sa buiwa phatlalatsa mo phuthegong ya kgotla.
A re fa go na le mongwe yo o sa itumelelang thuso ka ofisi ya gagwe, o ka ikopanya le ene kwa bothokong go rarabolola kgang ya gagwe.
Rre Billy a re dingwe dikgang tsa go nna jalo ga di age setshaba, mme o kopile morafe go tshwaragana le go tla ka ditlhabololo mo motseng.
Bokhutlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : FRANCISTOWN
Event : Phuthego
Date : 21 May 2015






