Go itse tiro ya boeteledipele ke konokono
20 May 2015
Kgosi wa Chanoga mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Oateng Setlhodi a re go itse tiro ya moeteledipele ke konokono mo setshabeng.
A re e bile go ka dira gore setshaba se go tshephe se bo se go rate fa o le moeteledipele yo o itseng tiro ya gago.
Kgosi o buile jalo ka Labobedi (19/05/2015) kwa Chanoga fa a ne a buisa thuto puisano ya baeteledipele ba dikomiti tsa tsa motse, boeteledipele jwa dikereke le jwa makgotlana a kgwele ya dinao e gantsi e rotloediwang ke Tautona.
A re go le gantsi batho ba tsena fela mo maemong a boeteledipele ntswa ba sa itse gore tota mme ba ya go bereka eng, ba simolola fa kae ba felela fa kae, mme a re boeteledipele ke tiro e e masisi e e tlhokang lorato le bopelotelele ka dinako tsotlhe.
A re fela jaaka ba tsamaisa metse le dikgaolwana, ba tshwanetse go nna baeteledipele ba ba lepalepanang le diemo ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka go re mme ba tlhoka yone thuto e e tseneletseng ya go nna moeteledipele.
A re moeteledipele o tshwanetse go nna le kitso e e nonofileng e bile e tletse ka gore fa a se na kitso, o ya go latlha setshaba se a se eteletseng pele.
O ne a tlatsa ka go re kitso e tla ka ditsela tse di farologanyeng; moeteledipele a sa itsapele go kwala, go bala le go reetsa gore a kgone go godisa batho ba a ba eteletseng pele.
Kgosi Setlhodi a re moeteledipele o tshwanetse a lebelela le bokamoso e seng gompieno fela, a sa adime tshwene marapo, e bile e le motho yo o batlang go bona pharologanyo le phetogo ya ditlhabololo, a na le boitsholo jo bontle jo bo eletsegang mo setshabeng, a sa tlale bogale ka a re bogale ke bokoa.
A re moeteledipele o tshwanelwa ke go nna pelotelele mo go sengwe le sengwe, a buelela batho a sa fele pelo.
Mme a re ka Motswana a re moseka phofu ya ga gabo ga a swe lentswe, go sa kgathalesege gore motho o tla ga kae a bua ka kgang e le nngwe, o tshwanetse go thusiwa go fitlhelela a kgotsofala.
A re go na le baeteledipele ba ba sa tshephegeng mo setshabeng.
A re le yone nako fela ya gore motho o ya go buisa diphuthego kae leng e a ba palela.
A re fa go ntse jalo, batho ba tlaa go bitsa maina a a farologanyeng ka jaanong ba sa tlhole ba go tshepha, mme a re bangwe ba tsaya go dira jalo e le tshameko.
Kgosi Setlhodi a re ba tshwanetse ba tlhaloganye puisanyo e e lolameng e bile ba itsenya mo ditlhakong tsa ba ba ba setseng morago, gore e re a ba buelela kwa pele ka dilelo tsa bone, a ba a tlhaloganya se tota a buang ka sone.
A re mme e bile ga ba kitla ba botsa dipotso tse di duleng mo tseleng fa go na le baeng ka gore ba tlaa bo ba itse sengwe le sengwe.
Moemedi go tswa kwa ofising ya mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Moetetsi Mogalakwe ene o ne a ba ruta ka ditsela tse di farologanyeng tsa go ka itirela madi le gone go bona gore a tlhokomelwa jang gore a seka a fela.
A re ba tshwanetse ba itse gore ba nne ba le phepa ka dinako tsotlhe ba itse fa e le baeteledipele mme e bile ba lebeletswe ke batho kwa ntle.
A re ba itse fa go itirisetsa madi e seng ka fa molaong e le molato o motho a ka o sekelang.
O ba boleletse gore ba nne ba tlhalosa gore ba kopa madi e bile ba a dirisa eng.
A re ba ka dirisa maranyane a dibalamakgolo go batla madi ka gongwe mongwe yo o kgakala o ka nna le keletso ya go ba thusa mme a ba thusa motlhofo.
Bagolwane go tswa kwa ofising ya boipelego kwa Maun, borre Lesego Seidisa le Letsweletse Maphane, ba ne ba gakolola boeteledipele joo gore melawana ya komiti ya ditlhabololo tsa metse e fetotswe le fa e sa fetolwa yotlhe.
Ba tlhalositse fa gompieno maloko a komiti eo a tlhophiwa dingwaga tse tharo mme ebile go tlhomamisitswe gore ga ba a ikgolaganya le diphathi dipe tsa sepolotiki le gone gore ke batho ba ba itseng go bala sekgoa le Setswana.
Gape ba re fa leloko le le tlhophilweng le sa tsenelele diphuthego gararo, khansele e filwe tetla ya go ka le tseela kgato e e gagametseng jaaka go le koba.
Gape ba tlhalositse fa ba ka bona seo ka dintlha tsa phuthego.
Ba re dibuka tsa madi di tlaa tlhatlhojwa nako le nako go bona gore a dilo di tsamaya sentle.
Ba ne ba ba tlhalosetsa ka melawana e mentsi ba bo ba leboga kgosi ka dithuto tsa go nna jalo ba re le bone ba tlaa tsaya thuto eo go bolelela ba bangwe ka yone gore dikgaolo tse dingwe le tsone di ithute ka dikgang tse di botlhokwa tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Thuto-puisano
Date : 20 May 2015






