Monana wa Eretsha o intsha maswe naleng
20 May 2015
Monana mongwe wa Eretsha, Mme Masego Sereto o itomile molomo wa tlase go kgaratlhela go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
E re ntswa bontsi jwa banana ba kgaolo ya Okavango bo ikaegile thata ka go itshetsa ka matsana a Ipelegeng, kwa Eretsha go na le monana mongwe yo o kgethegileng wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano.
O boletse mo potsolotsong gore e ne ya re morago ga go tlhatlhelelwa ke badiri ba ofisi ya boipelego ka mananeo a puso ka go farologana, o ne a atlarela la Nyeletso Lehuma go inamola ka lone lehuma le le mo apereng.
A re morago ga moo, puso e ne ya mo rutuntsha gore a kgone go tsamaisa kgwebo ya go sega diaparo a bo a rekelwa didirisiwa di akaretsa matlapa a le mararo a a rokang, matsela ka mefuta, sefetlha motlakase le tse dingwe.
Mme Sereto o tlhalositse gore le fa a sa tswa go abelwa setsha sa kgwebo, o sa ntse a na le kgwetlho ya go tlhaelelwa ke madi a go aga madirelo, ka jalo o kopetse didirisiwa tsa gagwe mo diofising tsa komiti ya motse ya ditlhabololo.
Legale a re o kgonne go kokoanya dikete di le nne tsa dipula ka lemmenyana le a le tsayang ka thulaganyo ya Tirelo Setshaba le go kgetla lotlhaka go dirisiwa mo kagong ya ntlo ya madirelo.
O ikuetse mo makgotleng a bopelotlhomogi go mo thusa ka lemmenyana gore a kgone go dira madirelo a gagwe.
“Tota maikaelelo a me ke gore fa ke sena go totoba, ke tlhamele banana ba bangwe le morafe wa ga etsho mebereko le morafe ka kakaretso,’’ o gateletse jalo.
O gwetlhile balekane ba gagwe go inaakanya le mananeo a puso go itlhabolola ka one go diragatsa maikaelelo a puso.
Se go lebega se ne sa gwetlha banana bangwe ba motsana oo ka go ipopa setlhopha sa batho ba le lesome go kgaratlhela botshelo jwa bone.
Modulasetilo wa mokgatlho wa Eretsha Together as One, Rre Mpihelang Kangara a re maikaelelo a mokgatlho oo ke go leka go tsibosa banana ba motse ka botlhokwa jwa go tsaya mananeo a puso go itshetsa ka one mo isagong.
O boletse mo potsolotsong gore go tlhabisa ditlhong go bo go sa ntse go na le banana bangwe ba ba itielang nako ka go itontela majalwa le go inaakanya le ditiro tsa borukhutlhi ntswa puso e otlolotse letsogo go ba thusa.
“Re batla go sala morago seane sa Setswana se se reng moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla ka gore ga go ope yo o ka tswang go sele go tla go re tlhabolola,” Rre Kangara a tlhalosa.
A re go botlhokwa gore banana jaaka e le baeteledipele ba kamoso, ba nne le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe la ga gabo ka go dira ditogamaano tsa motia go isa lefatshe kwa mankalankaleng.
Le fa go ntse jalo, o ngongoregetse go bo maphata mangwe a puso, go akarediwa la kabo ditsha le la banana, metshameko le ngwao, a kgoba banana marapo ka go diegela go ba neela ditlamelo.
A re bangwe ba setse ba na le dingwaga di feta botlhano ba ise ba thusiwe.
O gakolotse banana go nna pelotelele fa ba kopiwa go ya go dira dipaakanyo mo difomong tsa ikopelo madi, ka e le tsela ya go dira ditshekatsheko ka yone pele ga ba ka thusiwa.
Legale a re tiro ya bone ya ntlha ke go simolola tshingwana ya nosetso ya merogo go thusa ba ba tlhokang, go akarediwa bagodi ka go lebega le bone ba tlhoka thuso.
Mabapi le ditiro tsa mo gae, o kgwetse botlhoko batsadi bangwe ba motse ka go tlhoka kemo nokeng mo ditirong tsa ditlhabololo tsa motse wa bone, selo se se felelang se kgoba morafe marapo le fa ba leka go dira maiteko.
O file sekai ka thulaganyo ya go sela matlakala mo motseng, a re go na le lekoko la digogela thoko le le tsamayang le gasagasa matlakala gongwe le gongwe ka bomo go kgoba baithaopi marapo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : ERETSHA
Event : Potsolotso
Date : 20 May 2015






