Breaking News

Tiego ya ditlhabololo e ngongora makhanselara

20 May 2015

Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a ngongoregetse dilo dingwe tse ba tlhalositseng fa di sa ba jese diwelang, tse di akaretsang tiego ya go diragadiwa ga ditlhabololo le tlhaelo ya ditlamelo dingwe mo kgaolong ya bone.

E rile ba akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo le mo mafokong a modulasetilo wa khansele, mo phuthegong e e tletseng ya khansele kwa Masunga kgwedi eno e le lesome le boferabongwe, ba ile ba supa fa kgaolo ya bone e lebanwe ke tlhaelo ya ditlamelo.

Ditlamelo tseo ke metsi, dipilisi mo dikokelong, dikoloi tse di rwalang balwetse le seemo se se maswe sa ditsela tsa kgaolo gareng ga tse dingwe.

Ba re ba na le dipelaelo tsa gore mathata mangwe a bakwa ke go bo go sa nne le botlhokomedi jo bo lekaneng kgotsa go na le bangwe ba ba itebalang mo tirong ya bone.

Makhanselara a re ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo di felela go lemogiwa diphoso tse di ka tswang di le teng morago ga nako, ba re seo se busetsa kgaolo ya bone kwa morago mo ditlhabololong.

E rile ba itebaganya le go dirwa ga tsela ya Sebina-Matenge, makhanselara a kaya fa tiego ya go wediwa ga tsela eo, e ba swabisitse nko go feta molomo.

Ba tlhalositse fa ba makaditswe ke go utlwa fa rakonteraka a ne a tshela mmu wa boleng jo eseng jone, mme phoso eo ya lemogwa morago ga dikgwedi tse thataro, mme ba re ba ipotsa gore seo se ka tswa se bakilwe ke eng.

Mokhanselara wa Gulubane Rre Dikitso Mandevu, yo gape e leng mothusa modulasetilo wa khansele o ne a re o belaela go na le sengwe se se ka tswang se sa tsamaisiwa ka fa tshwanelong mo tseleng eo.

A re ka jalo go tshwanetse ga dirwa ditlhotlhomiso mme fa go tlhokana le gore go akarediwe ba lekalana la tshenyetso setshaba, go dirwe jalo.

Go ntse go le foo, makhanselara a Bokone Botlhaba a ne a bua a menne phatla, a kgala bodiredi jwa koporase ya metsi go bo ba itlhokomolosa dikopo tsa ba ba eletsang go tsenya dipompo mo malwapeng a bone.

Ba tlhalositse fa bangwe ba na le dingwaga ba dirile dikopo e bile ba setse ba duetse mme nako kgolo ke eno ga ba ise ba thusiwe.

Gape ba ne ba tlatsa gape ka gore koporase eo e bonya go tsibogela dipego tsa go dutla ga diphaephe tsa metsi le go baakanya tshenyo epe e e ka tswang e le teng mabapi le phatlalatso ya metsi.

Mokhanselara wa Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi a re go sa tsibogeleng medutlo ya metsi go a tshwenya ka jaana go dutla moo, go ka felela go kgaritlha metsi mo matamong.

Fa a araba mabapi le dikgang tse tsa metsi, mookamedi wa koporase ya metsi mo kgaolong ya Bokone, Rre Abednigo Mooka o ne a re ba tlaa leka bojotlhe go bona gore seemo sa metsi le tsotlhe tse di amang phatlalatso ya metsi, di boela meriting mo kgaolong.

A re fela tlhaelo ya bodiredi le ditsompelo di tshwana dipalamo ke dingwe tsa bothata jo bo bakang gore ba seka ba kgona go diragatsa ka fa setshaba se solofetseng ka teng.

Rre Mooka o tsweletse a tlhalosa fa medutlo e bakwa ke go bo didirisiwa tse di dirisitsweng mo phatlalatsong ya metsi di setse di le dikgologolo, ka jalo di sa tlhole di kgona go itepatepanya le bokete jwa nako eno jwa phatlalatso ya metsi.

O ne a itsese makhanselara gore lekalana le kgonne go bona madi a go reka sefetlha motlakase se se tlaa dirisiwang kwa letamong la Ntimbale go thusa mo seemong sa kgaogo ya motlakase.

Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a ne gape a kopa gore a okeletswe palo ya babereki ba Ipelegeng mo metseng ya bone.

Ba ne ba tlhalosa fa batho ka bontsi ba metse selegae ba bona thuso mo lenaneong leo, bogolo jang ka jaana batho ba dikile ba sa tswa ka sepe mo masimong mo pakeng eno ya temo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Phuthego

Date : 20 May 2015