Ba Motopi ba batla go ipua pele
20 May 2015
Banni ba Mopipi mo kgaolong potlana ya Boteti ba ngongoregile thata ka tsamaiso ya bogosi jwa ga Mmangwato ba supa fa ba le kgatlhanong le gore ba tsene mo mererong ya bogosi jwa bone.
Morafe o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa Mopipi ka Mosupologo (Motsheganong 18), ba supa fa ba le pelo e lefuto ka tsamaiso le ditshwetso tse di neng tsa tsewa fa go tlhongwa Rre Kesegofetse Patelelo go nna kgosi.
Fa a amogela morafe, Kgosi Oreagetse Machilidza o ne a tlhalosa fa bone e le morafe o na le boikarabelo jwa go itirela.
Kgosi Machilidza o kaile fa Kgosi Mokhutshwane Sekgoma a ne a tlhalosa fa bogosi bo sa tlhatlosiwe maemo. Go supa fa a sa dumalane le mafoko a ga kgosi Sekgoma, o ne a tlhalosa fa kgosi Barontshi Kegapetswe wa Letlhakane a ne a tlhatlosiwa go tsena mo maemong a ga Kgosi Onkabetse Modirwagale yo o neng a ithola tiro, mme Kgosi Ewetsemang Retlhatloleng a mo tlhatlhama, fa Kgosi Tikologo le ene a tlhatlosiwa.
A re tsamaiso e e tshwanetse e ka bo e ne ya salwa morago ko Mopipi, mme ka maswabi ga seka ga diragala, se se ka baka gore a ise boikuelo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko kwa Francistown.
Fa a tlhalosa ka ditshwetso tsa kgotla kgolo ya ditsheko Rre Galazo Otimilwe, o kaile fa lekgotla le laotse gore Kgosi Patelelo a sute mo setilong, mme kgang e boele ko morafeng wa Mopipi go itlhophela kgosi.
Mongwe wa banni ba motse Rre Thopo Nankwela o tlhalositse fa go sa dirisiwa mokgwa o o tlwaelesegileng go tlhopha kgosi, ka kgosi e e neng ya tlhophiwa e ne ya bewa kwa godimo ga yo o ntseng a le mo setilong ka maemo. A re ga ba a fiwa sebaka sa gore ba ka buisana, go dumalana ka leina la yo ba eletsang a ka tsaya maemo ao.
Rre Nankwela a re ba batla gore dikgosi tsa Serowe di tswe mo morerong wa bone wa bogosi jwa Mopipi, a supa fa e se gore ga ba batle Patelelo mme a re bogosi bo buiwa ke botsadi.
Fa Rre Zarae Mogomotsi a ne a tlhalosa fa keletso ya morafe e le gore Kgosi Oreagetse Machilidza yo o ntseng a le mo setilong a tlhatlosiwe maemo go tsena mo go a ga Kgosi Gakemotho Kgweetsi yo o neng a tlhokafala, a bo a salwa morago ke yo ba tlaa mo sekasekang.
Rre Mogomotsi o ne a supa fa se se ka tsisa thitibalo mo motseng wa Mopipi, a tlhalosa fa bogosi e se khiro ya dithutego mme e le ya morafe.
Rre Goitsemang Mogomela ene o ne a kaya fa Rre yo o neng a tlhophiwa go nna kgosi, a ne a tshwanetse go nna mothusi wa ga Kgosi Machilidza eseng gore a mo fete ka maemo.
Fa Rre Tobelani Gaalaolwe a ne a supa fa leina la kgosi e e neng ya tlhomiwa le ne le ntshitswe ke morafe wa Mopipi, mme a tlhalosa fa dikgosi tsotlhe mo Mopipi di bewa ke bogosi jwa ga Mmangwato.
Rre Gaopalelwe Tshegisa o supile fa bone ba sena lefufa, mme kopo ya bone e le gore dikgosi tsa Serowe di ba fe sebaka sa go ipua, a tlhalosa fa ba batla go itsamaisetsa merero.
A re ba ne ba amogiwa tshwanelo ya bone mo phuthegong e e neng e buisiwa ke kgosi Serogola Seretse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 May 2015






